Naledi

Magotswana a supana ka menwana

SENEPE: EDWARD PEKENENE
 
SENEPE: EDWARD PEKENENE

Babelaelwa  ba ne ba le mo tshekong ya go thuba ntlo le go utswa bosheng  fa pele ga ga Mmakaseterata Keneilwe Koobake wa lekgotla la Letlhakane. Go bolelwa fa e rile ngogola ba thuba  ba  bo ba utswa dithoto tse di farologanyeng tse di akaretsang dibalamakgolo le diaparo, tse eleng  tsa ga  Christopher Mokgweng wa Phase 2 mo Letlhakane.

Mo tshekong e e neng e tsamaisiwa ke Sergeant Ogone Motsholathebe wa kampa ya Letlhakane, mosekisiwa wa ntlha, Mokgalo o ne a ganetsa gotlhelele a re  ba bopelwa  kgomo ya mmopa ka mabaka  a ba sa a tlhaloganyeng. Ka fa letlhakoreng le lengwe ba bosekise  ba ne ba ipapanne ka bosupi jo bo popota le go supa  dithoto tse ba reng ba ne ba di tsaya kwa bonnong jwa basekisiwa ka nako ya ditlhotlhomiso.

E rile fa mosekisiwa a ntse a tsweletse a tlhokoditse loleme la gagwe go leka go itlhotlhora molato wa bogotswana, a inanatha a re ba ne ba ketekwa botlhoko ke mapodisi go fitlhelela tsala ya gagwe a itshenya. Ga goroga nako ya gore tsala wa gagwe e bong Sone a fe  bosupi. E le ruri foo e ne ya nna gone tota mo go ka tweng “Legotswana le golega le lengwe”.

Sone o ne a itlhokomolosa magatwe a ga Mokgalo a gore ba ne ba betswa setlhogo ke mapodisi a e seng a seaparo mo Letlhakane go fitlha ene mosekisiwa wa bobedi Sone a repa mala a bo a senya borokgwe jwa gagwe ka mantle ntateng  ya ditlhabi tsa go ketekwa.

Ka a ne a sa solofela seo ka gope, Mokgalo o ne a tshwarwa ke kgakge go utlwa Sone a bolelela lekgotla  a sa boele morago gore ke nnete boobabedi ba thubile ba bo ba utswa dithoto tseo. Sone a re ke ene yo o tsileng kwa ga gagwe a  mo kopa gore a mmuledise kwa Phase 2 mme a dira jalo.

A re ba ne ba felela ba thuba ntlo  ba bo ba utswa dithoto tse di neng di ntshitswe mo lekgotleng e le bontlhabongwe jwa bosupi jwa puso.

Tsheko e ne ya nna monate thata fa Mokgalo a ne a gakgamadiwa ke mafoko a ga Sone mme a simolola go shakgala fa a lemoga gore o a mo golega. Basekisiwa ba ne ba rotolanela matlho fa pele  ga ga Mmakaseterata Koobake. Yo mongwe a leka go shobotla yo mongwe ka dipotso mme yo mongwe a bo a le tlhogophefo go araba.

Seo sa dira gore mmotsi a ikutlwe  tatlhego gonne bosupi jwa gagwe e ne e le jo go tweng  morwa o hula ka toba. Tsheko e tswelela  kgwedi eno e le 13 mme basekisiwa ba tshegeditswe mo kgolegelong.