Blogs

Go a nametsa

Gompieno re utlwa fa baithuti bangwe ba sekole se sebotlana sa Molapowabojang ba abetswe mesangwana. Ka palo, bana ba go bolelwa e le basetsana ba le masome mabedi. Gongwe bangwe ba ka tsaya gore mesangwana e, go buiwa ka mesamo e re bayang ditlhogo mo go yone fa re robala, re e sama. Nnyaa, ga se eo. E, go buiwa ka mesangwana e e faphegileng, e basetsana ba e dirisang ka malatsi a setswalo, kgotsa, jaaka go tle go buiwe, ba bonye kgwedi. Mme kgwedi e le yone go sa rewe kgwedi e e kwa godimo, e e a reng e palama, Setswana gape se re e rogwa, re e duduetse re re, ‘Kgwedi o ntlele botshelo’ e le thapelo ya gore, ka ke kgwedi e ntsha, mo go yone dilo di re siamele, di re tsamaele sentle. Re re, e go buiwang ka yone fa, ke ya fa mmele wa sesadi o tsogile sentle ka jaana setswalo seo, se bonwa kgwedi le kgwedi. Motlha mongwe, ngwana a se ke a bone setswalo mme go twe o tlodilwe ke kgwedi. Batsadi ba tlhobaele, ba ipotse gore molato e ka ne e le eng. Nako nngwe go bo go se ope molato mme morago dilo di siame. Ka nako e nngwe, sengwe se bo se diregile, thothi e rothegetse, go tloge go twe ngwana o tlhaelwa ke lebante; ke gore o imile.

A eo re e fete re utlwe gore lele lebogo la bo le ne le otlololwa ke mang. Go ya ka polelo ele, bana ba ne ba thusiwa ke mokgatlho wa The Chosen Pads Foundation. Re utlwa fa Mookamedi wa mokgatlho o, Mme Malebogo Letsetla a ne a re ba ne ba thusa bana  ka go bona batsadi bangwe ba itlhaela, kgotsa, ba itlhoka, ba sa kgone go rekela bana mesangwana eo kgwedi le kgwedi. Ga twe, ka lone lebaka le, bana bangwe ba kgoreletsege. Ka malatsi a ba bonye setswalo, ba se ke ba kgone go ya sekoleng. Go bo go raya gore, ka malatsi ao, ba fetwe ke dithuto. Mogopolo ya nna gore  bana ba go nna jaana ba thusiwe, go tlhoka mesangwana go se ba thibele go tsena sekole sentle. Go ntse jalo. Ba a tle ba re, tsela ya botshelo re e tsamaya mmogo, rotlhe. Mme fa e ka  re mosepele o ntse o tsweletse, ka tsela nngwe, yo mongwe a kgoreletsega, a kgopiwa a wa, kana, a tlhajwa ke mutlwa, se fetele pele wa mo tlogela fela ka lefoko la ‘O tlaa fola.’ Ba re, ema o mo thuse a tsoge fatshe, kgotsa, o mo tlhomole mutlwa ole. Go twe jalo, o tlaa bo o supa kutlwelobotlhoko e e leng yone tota, e seng go bua fela. Go utlwala e dirile jalo The Chosen Pads Foubation. Mme yone mesangwana ya The Chosen Pads e ntse jang?

Mesangwana e, e bolelwa e farologanye le ya gale le gale ka ditsela tse dintsi. Go kaiwa fa mesangwana e, e itirelwa ke The Chosen Pads mme mengwe e rekisediwe mabentlele, e mengwe e abiwe, go thusiwe bangwe ka yone jaaka re utlwa go ne ga thusiwa bana ba sekole sele. Godimo ga moo, ga twe, e dirilwe ka letsela, e seng polasetiki. Ka ke eo, ke letsela, e kgona go tlhatswiwa e bo e dirisiwe gape. Ka ke letsela, mosangwana o le mongwe, o kaiwa o ka dirisiwe ngwaga tse tharo. Ka tsela e, mesangwana ya The Chosen Pads e babalele tikologo ka ga e  re e fetsa go dirisiwe, e latlhiwe, mme e gasagasege le naga e tlatse tikologo leswe. E mengwe ele yone nnyaa.  E dirisiwe gangwefela fela e bo e bile e latlhiwa. E gasame mo, e tlatse leswe, tikologo e se ke e lebege, e se ke e jese matlho monate.  Godimo ga tse tsotlhe, mesangwana ya The Chosen Pads e bolelwa e somarela madi ka ga e rekwe gangwe le gape, kgwedi le kgwedi. Ka tsela e, bangwe e ba totobise, e ba suteletse fale mme go nne monate.

Polelo ele ya The Chosen Pads re e newa ke Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 18 2019

Fa e bua ka fa e reng Mme Letsetla o ne a kgothatsa ka teng gore mesangwana ya The Chosen Pads e dirisiwe, polelo ele ya re;

‘A re ba rotloetsa tiriso ya mesangwana e ka e bile e somarela tikologo e bile…..’

Ke eo kgang. Re ntse ra re, leba temana e e fa godimo e, mme re utlwe gore mo go yone o bona eng. A go na le phoso nngwe, kana, nnyaa. Fa e le teng ke efe, ke eng e le phoso; gape e ka baakanngwa jang. Fa go se epe phoso ke eng go ntse jalo?

Re re, ga re itse gore o tlaa araba jang mme rona gompieno ga re bone phoso epe, re bona tsotlhe di siame fela. O botse gore ke eng re bua jalo. Re re, re bua jaana ka go bona lefoko ‘e bile’ le kwadilwe sentle. Re buile thata ka lefoko le, re re go lebega le le thata go kwalwa. Ra leka ra supa gore le tshwanetse go kwalwa jang mme ga nna ga pala. Jaanong ke leo, le dirisitswe gararo mo polelong ele mme le kwadilwe sentle. Ga re itse gore a ke ka matsapa a rona, kgotsa, ke ka lebaka lengwe le sele go bo ‘e bile’ gompieno a kwadilwe sentle. Go ntse jalo, re re, fa e le gore ke ka matsapa a rona go nna re gakolola, go a nametsa, ga e a nna matsapa a lefela, a go nne jalo ka gale.