Naledi

Dijo tse di mafura thata tse o ka di ilelang

Go ja dijo tsa mofuta o di le dintsi go ka godisa go nna teng ga mafura a mantsi mo mmeleng wa motho. Mme se se nne borai le go baka malwetse aa sa foleng a tshwana le a pelo go ema, le go swa mohama.

Le fa gontse jalo, mmadi ga a tshwanela go leba mafura jaaka selo se se maswe gotlhelele fela ka gore a amanngwa le malwetse a a sa foleng.

Mmadi o tshwanetse a itse gape gore mafura ka fa letlhakoreng le lengwe a siametse go jewa mme ka selekanyo se se letlelesegang. Mafura a thusa ka kotla ya vitamin D, e e thusang go tshedisa masole a mmele le ditshika tsa madi a mmele. Mafura a thusa gape go nonotsha marapo a mmele wa motho.

Mafura a na le motswako o o thusang mmele go itshireletsa kgatlhonong le go kokopana maikutlo kana stress le malwetse a mangwe fela jalo.

A mmadi o itse gore mafura a mantsi mo mmeleng a kgona gore a bo a ka ama motho ka gore a bo ale mo lesikeng la gagwe ka segotso? Ee, go ntse jalo. Mme legale gantsi a bakwa ke go aja thata mme go nne thata go a bonela kalafi ya malwetsi a one.

Go fokotsa goja dijo le nama ee nang le mafura go ka tsibogelwa ka go ja maungo a mantsi gangwe le gape gape le merogo ka go farologana. Sejo se tshwana le phane se siametse mmele wa motho ka e sena mafura a a borai. Yone e thusa thata ka kotla e e agang mmele ya protein.

Go ja dijo tse di siametseng mmele gape di sena mafura a mantsi go ka kopanngwa le go itshidila mmele. Se se ka fokotsa ditlamorago tse di ka nnang borai tsa go nna le mafura mo ditshikeng tsa mmele.

Mafura fa a ntsifala mo mmeleng a ka ama ditshika tsa mmele. Mme se se dire gore madi a ketefalelwe ke go tsamaya sentle go ya kwa pelong mme kgabagare e eme. Se se a bo se dirwa ke gore phefo e e phepa e seka ya laolesega sentle mo mommeleng mme motho a eme pelo.

Go re madi a mmele a bo a sa kgone go elela sentle mo mmeleng go bakwa ke go bo madi a bo ana le dikgwethe tse dinang le mafura a mantsi a a mo mmeleng mme a seke a kgone go ya kwa bobokong sentle.

Ditlamorago tsa se ke go swa mohama.  Go tlhatlhojwa ga madi ke gone mo go ka supang fa motho a na le mafura a a feteletseng mo mmeleng le gore a o ka nna le dikai tsa go ema pelo.