Blogs

Ga re bue ka noga

A jaanong re re, polelo ele ya maloba ya bana ba sekole sa Molapowabojang, e ne e le mogopo re e ja mo go one mme ra se ka ra fetsa. Ka ke foo ga re a ka ra fetsa, a tsatsi jeno re boele mogopo oo, go o gora,

Go simolola go gora, re boele fa morago fale re re, nako ele, re ne ra utlwa fa bana ba le masome mabedi ba ne ba thusiwa ke mokgatlho wa The Chosen Pads Foundation  ka mesangwana. Re re, mme gongwe bangwe ba sa ntse ba ka botsa gore mesangwana e, ke efe, e ntse jang, Go ya ka polelo ele, mesangwana e, ke e e faphegileng, ya basetsana ka malatsi a fa ba bonye setswalo, kana, jaaka gape Setswana se tle se bue, fa ba bonye kgwedi. Gone maloba, ra fetela pele ra tlhalosa gore e kgwedi, ga go buiwe ka e e mo loaping e e reng e le la ntlha e bonwa, e ise e nne kgolokwe jaaka e a re morago e nne, Motswana a re e a palama. E re go e bona e palama re e duduetse re re, ‘Kgwedi o ntlele botshelo’ fela jaaka e a re dingwaga di kgaogana, ole o feta, o mosha o tsena, re re , Ngwaga o sa nthateng feta.’ Se, e le keletso ya gore, a tsotlhe tse di maswe tsa ngwaga ole, di fete le one, o mosha o re tlele ka tse di monate.

E ntse e le maloba, gape, ra re motlha mongwe, ngwana a se ke a bone setswalo mme go twe o tlodilwe ke kgwedi. Batsadi ba tlhobaele, ba ipotse gore molato eng. Ra re, fa gongwe go bo go se ope molato, nako nngwe  o bo o le teng mme e re morago ga malatsi  Setswana se nne sentsi. Go twe, ngwana o tlhaelwa ke lebante la mosese, o itsholofetse, o mosadinyana, kana, o mo mmeleng, o tloga a tsena mo tlung. Mo gotlhe go raya eng? Go raya gore ngwana o moimana, o imile. Seemo se ntse jaana, tiro ya go baakanyetsa botsetse e simologe. Morago ga lebaka lengwe, ngwana a tsholwe, go itumelwe.

Go sale jalo, ra utlwa gape fa mesangwana ya The Chosene Pads, e farologanye le e mengwe thata. Polelo e supa fa mesangwana e, e itirelwa ke one mokgatlho oo, mme mengwe e rekisediwe mabentlele, e mengwe go thusiwe bangwe ka yone jaaka ka polelo ele, re utlwa fa go ne ga thusiwa bana ba sekole se sebotlana sa Molapowabojang. Nako nngwe, go utlwa leina le, mongwe ke yoo a botsa gore, a Molapowaditlhare one o teng. Ra  re, ga re itse, fela re itse gore, gone mo kgaolong ya Borwa, go na le lefelo lengwe gape le bidiwa Molapowabasadi. Ene yole a batla go fetela pele, a botsa gore wa banna one o kae. Go bona a tlaa nna dipotso thata, ra gana, ra mo emisa foo. A re tlogele eo ya maina re tswelele re utlwe gore mesangwana ele e farologana le e mengwe jang. Go ya ka polelo, kwa ntle ga gore e itirelwa ke mokgatlho, meangwana eo, e dirilwe ka letsela. Ka tsela e, mosangwana o bo o ka dirisiwa, mme wa tlhatswiwa, wa bowa wa dirisiwa gape. Godimo ga  moo, ga twe, e mehuta meraro. Momgwe o ka dirisiwa fa setswalo se simologa, o mongwe wa dirisiwa se le fa gare, fa o mongwe e le wa fa se fela. Go sale foo, ka ke letsela, le ka dirisiwa gantsi, e bile mosangwana o le mongwe o ka dirisiwa ngwaga tse tharo, Go twe, e ya The Choen Pads, e babalela madi ka ga e rekwe kgwedi le kgwedi. Gape, e babalele tikologo ka ga e re e fetsa go dirisiwa e bo e bile e latlhwa mme e gasame mo, e tlatse tikologo leswe. Go ntse jalo, go nne monate.

Re setse re boletse fa polelo ele ya go thusiwa ga basetsana ba sekole sa Molapowabojang re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 18 2019

Fa e bua ka fa e reng moemedi wa mokgatlho o ne a tlhalosa ka teng gore ke eng ba thusa bana, polelo ya re;

‘ O tlhalositse fa ba abela bana….. ba lebile gore batsadi….. ga ba kake ba kgona go ba rekela kgwedi le kgwedi.’

Go kgaritlha mogopo re re, leba temana e e fa godimo e sentle mme re utlwe gore a o bona phoso nngwe mo go yone. Re re, phoso eo, ke efe, gape, o ka e baakanya jang. Re nne re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona phoso e re e bonyeng ke lefoko ‘ kake.’   Re re, fa, phoso ke ya gale ya go tshwaraganya mafoko a a ka bong a kgaoganye. Ka go dira jalo, mafoko ao, a dire lefoko le sele, e seng mafoko a tota a ka bong a dirisitswe. Gone foo, go kwala Setswana go ye go sele, go se ke go nne gone. Jaanong, re baakanya jang? Re simolole ka gore, leba Thanodi mme e tlaa go raya e re  kake ke mohuta wa noga o o kgonang go budulosa thamo. Re dumalane  gore kake ke mohuta wa noga, leina la noga, fela jaaka go na le tlhware, phika, mokwepa, le tse dingwe fela jalo. Jalo he, go baakanya phoso ele, ke gore mafoko ale, a kgaogane, polelo e re ‘ …..ga ba ka ke…..,’   e seng ‘…. kake….’  ka ga re bue ka noga.’