Blogs

A mafoko a se mediwe

Go kaega fa tiro e, e ne e gogwa kwa pele ke Rre Karabo Tshweneyame wa Lephata la Temothuo e ruta ka tlhokomelo ya leruo mme thata e lebile podi. A e re pele ga re fetela pele, re tlhalose sengwe ke se. Bangwe ba a tle ba re lefoko ‘leruo’ ga se Setswana sentle. Ba re go twe, loruo’ e seng ‘ leruo.’ Mme fa re ntse re tla re leba kwa le kwa, ra bona Thanodi e supa gore mafoko a, ‘ leruo,’ le ‘ loruo’ a a tshwana, a raya selo se le sengwe. Mo, go bo go raya gore, mongwe o ka re loruo, yo mongwe a re leruo jaaka polelo e bua mme botlhe ba bo ba bua sentle go se ope yo o phoso.

Go bula tsela ya go tswela pele, potso e nne gore, mme lone leruo le tlhokomelwa jang, kgotsa le tshwanetse go tlhokomelwa jang? Go ya ka polelo ele, Rre Tshweneyame o ne a tlhalosa gore leruo le tshwanetse go agelwa lesaka. Bangwe ba re, lesaka le, ga  le a tshwanela go nna lesaka ka leina fela. Ba re, le tshwanetse go agiwa la nna thata, gore e re dibatana di ntse di tsamaya mo bosigo, di tsoma, di palelwe ke go tlhagelela di e ja leruo le le mo teng. Gape, lesaka le, le tshwanetse go nna thata gore le lone leruo le le mo teng le se ka la tlhaga e ise e nne nako ya gore le bolole la tloga la ya le naga, kana, la ya go senyetsa barui, balemi, ba bangwe. A fetela pele Rre Tshweneyame a re, leruo le tshwanetse go nosiwa metsi a a phepa. Ba tlatse ka gore e se nne metsi fela, le mo leruo le nwelang mo go gone, go nne phepa. Bangwe ba nne ba fetele pele ba re, a le dijo le tsone, le mo leruo le jelang teng, go nne phepa. Go tshwanele gore go nne jalo. Mme fela, e re bangwe ba utlwa dilo tse tsotlhe, ba hakgamale, ba  re a ba tlaa kgona go tlhokomela leruo jaaka bana. Ba re  mo go bone go bokete go dira jalo.

Polelo e kaya gore, morago ga tse di fa godimo tse, ga tla nako ya gore go buiwe ka podi e e leng yone baikopedi ba ba batlang go e rua mme Rre Tshweneyame a simolola go bua ka dikai tsa fa podi e lwala. Re itse gore mogatla wa kgomo, le wa diruiwa tse dingwe ka nako tsotlhe o lebile kwa tlase. Wa podi one, o farologane le eo, ka o nna o lebile kwa godimo. Bangwe, e re dilo di ba siametse, ba itumetse, ba re di mogatla wa podi. Jaanong re utlwa go twe, Rre Tshweneyane o ne a tlhalosetsa baikopedi gore, fa ba bona mogatla wa podi o le kwa tlase, gape, podi e tshabelelwa ke mamina, ba itse fa e lwala mme ba itsese mokenti. Re tsaya gore, mo go bo go raya gore  mokenti a tle a itlhaganele, a thuse go sale nako podi eo, e ise e babalelwe ke bolwetse, kana, e swe. A fetela  pele a gatelela gore fa podi e dusa, e tlhokomelwe thata. Godimo ga mmo, a kaya gore fa e le gaufi le go tsala e se bolole; e nne mo sakeng. Ba re, ka nako e, e jele foo, e nwele foo. Fa, kgang e a bo e le gore, fa e ka bolola, gongwe e tloge e ye go latlha dipotsane. Go twe, go hema seo, a e tlhole mo sakeng Ga nna ga tla, kgakololo e nngwe ya nna gore dipotsane di tlhokomelwe thata ka fa di sale dinnye di tshabelelwa ke malwetse. Gape, di kentiwe ka sulfa 16 di le kgwedi tse pedi mme bolwetse jwa diphilo bone bo kentelwe ka kgwedi ya Moranang le ya Phalane. Motshotelo one, o olwe, o se tlale lesaka ka fa o le montsi o tlaa di tsenya tlhakwana. Go nne maswe fa e le nako ya pula motshotelo oo o tletse metsi. e tlhasele tlhakwana di tloge di tlhotse thata.

Polelo e ya go rutintshiwa ga baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma kwa Ditshegwana re e tlelwa ke Dikgang (Daily News) Hirikgong 30 2020.

Fa e bua ka fa e reng Rre Tshweneyame o ne a kopa baikopedi bale gore ba se latlhe sepe se se tswang mo masimo, polelo yare;

‘O kopile baikopedi.....gore ba seka ba latlha sepe se se tshwang mo masimo mme ba se bee sentle …..’

Fa godimo fa, re bona lefoko ‘bee’.Ga twe ba  ‘bee’ sentle. Re re, ga re itse gore o bona jang mme rona re bona lefoko ‘baya’ le sa kwalwa ka botlalo ka le kwadilwe jaaka re le bitsa fa re bua. E le eng fa re rialo? E le ka gore lefoko le, le tswa mo go baya e seng baa. A re re, Morwadi o ka raya Mosetli a re baya metsi ao mo tlung. Mosetli a se ke a dire jalo. Morwadi a ipoeletse a re, ‘ke rile o beye metsi ao mo tlung’ mme a bo a buile sentle, a sa re bee. Re wele re re a mafoko a ne a kwalwa sentle a sa mediwe jaaka  re a metsa fa re bua.