Naledi

Manong a kobakoba Venson-Moitoi

Venson-Moitoi
 
Venson-Moitoi

Mo potsolotsong le Naledi, monnasetiolo wa phathi ya Domkraga kwa kgaolong ya Serowe South, mme Tebelelo Seretse o tlhalositse fa Venson-Moitoi a ise a supe faa beile ope leitlho go ka mo tlhatlhama. A re kgaolo ga e ise e dire bokopano bope mabapi le kgang ya teng, mme a supa jalo gore go setse gona le batho ba le mmalwa ba ba supileng kgatlhego.

Le fa go ntse jalo, Seretse a re otswa kgakala a leka ka tsotlhe go kgaphisana sethitho le bakaulengwe ba phathi ya gagwe go emela kgaolo kwa palameteng mme a re le gompieno, fa phatlha e ka bulega, o tlaa tsenelela lobelo lwa bontlhopheng ba BDP la go tlhatlhama Venson-Moitoi.

Seretse a re fa Venson-Moitoi a ka fenya ditlhopho tsa AU, go tlaa nna le thulaganyo ya go batla yo o tlaa mo rolang setoropo ka thulaganyo ya phathi ya BDP.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Madiaela, gaufi le Radisele, Venson-Moitoi a re fa go ka diragala gore a fenye dithopho tsa AU, o tlaatla go laela baani semmuso mme o ba gakolotse go gololesega go sekaseka bana ba bone le gore ba ka emelwa ke mang fa ele gore o ka ithola maemo.

Naledi e ne ya buisanya gape le monnasetilo wa kgaolo potlana ya Palapye yo gape eleng mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego, yo le ene a saleng a supile fa a na le kgatlhego ya go tlhatlhama Venson-Moitoi.

Phuthego o tlhalositse fa a na le tshiamelo ya go emela kgaolo ya Serowe Borwa ka jaana a re o itse dikgang tsotlhe tse di e amang, a tswelela a re o kile a nna mokhanselara yoo itlhophetsweng mo go yone. 

A re ka ale monana wa molemimorui o na le bokgoni jwa go etelela kgaolo pele.  A re banni ba Moiyabana, Radisele le metse e mengwe ba setse ba mo lopile go emela kgaolo e.

Bobedi jo bongwe jo go supagetseng fa bo na le dikeletso tsa go emela kgaolo ke Tshesane Phuthego gammogo le Louis Sibanda.