Naledi

A manobonobo a fele � Makhanselara a Lobatse

Mmatoropo ya Lobatse, Malebogo Kruger
 
Mmatoropo ya Lobatse, Malebogo Kruger

Se e le gobo dikhansele di abelwa madi a a fokoditsweng thata a ditlhabololo mme se se dira gore makhanselara a kgaolo ya Lobatse ba fokotse menate le manobonobo fa ba le mo ditirong tsa khansele.

Fa ba akgela mo mafokong a ga Mmatoropo wa Lobatse, Malebogo Kruger, beke e e fetileng, makhanselara a ne a utlwa fa madi a ditiro tsa khansele a fokotsegile, mo go tlhalosegang fa dingwe ditiro tsa ditlhabololo di tlaa tswelela di salela morago. Ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore go batliwe methale e mengwe e khansele e ka dirang madi ka yone.

Makhanselara ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go tlhabolola toropo ya Lobatse le dikgaolwana tse di welang ka fa tlase ga yone. Ba re metse e le mentsi mo kgaolong yotlhe e santse e saletse kwa morago thata mo ditlhabololong, bogolo jang ka bontsi jwa tsone di ne tsa emisiwa gotwe ga gona madi.Fa ba bua ka madi a a dirisiwang ke makhanselara le khansele yotlhe ka kakaretso, a ba reng a mantsi thata, ebile a lekane go ka dira ditlhabololo dingwe, ba ile fela ba papamala go bua fa a senngwa ke boroko jwa bodiredi mo mafelong a a manobonobo aa turu thata. Ba re fa ba na le dithuto-puisanyo kwa ntle ga Lobatse, mme go se kgakala go le kalo, ba robala mo dihoteleng le dilojeng, tse di ditsompelo tsa tsone di turang thata.

Ba boletse fa badiredi ba dikhansele ba itumelela manobonobo a fela ba sa lemoge fa khansele e latlhegelwa ke madimadi. Mme e re morago go lwelwe ka go tlhaela ga madi a ditlhabololo dingwe.

Makhanselara ba ne ba dumalana gore go tlhomamisiwe gore fa dithuto-puisanyo kgotsa ditiro dipe fela tse ba di tsenang di se kgakala le fa ba tsogang teng, go seka ga hirwa boroko mo dihoteleng le diloje mme go tsogwe fela mo gae.

E ne e rile gole pele, Mmatoropo Kruger a bolela fa mananeo mangwe le ditlhabololo a tlaa dirwa ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo. A re makhanselara ba tshwanetse go ema ka dinao go tlhomamisa fa batlhophi ba itse ka lone ka botlalo.