Naledi

O disa poo ka go fitlha dinala

Letlhoano o lebisitswe molato wa go itaya monna mongwe yo lekgotla le utlwaletseng fa a ne a belaelwa fa a ratana le nyatsi ya gagwe. Molato o Letlhoano a o lebisitsweng o kgatlhanong le temana ya bo 230 (1) ya melao ya Botswana.

Mosekisiwa o ne a emetswe ke mmueledi Liberty Nleya go tswa kwa babueleding ba Nleya Attorneys. Ka nako ya tsheko mmueledi wa mosekisiwa o ne a tlhokoditse loleme phetelela  ka mabaka a go kgaratlhela gore lekgotla le tlhoke Letlhoano molato le bo le mo golole. Mme mosekisi wa puso, Sejane Mpho Basebi wa sepodisi sa Orapa, a bo a ipapanne  ka  bosupi jo bo nonofileng kgatlhanong nae.

Mmueledi Nleya o ne a thukhutha tlhogo  phetelela okare go ka twe o ne a tsenwe ke ntsi mo tsebeng, a re mosekisiwa o dirile molato oo ngogola ka ntlha ya go betwa ke pelo ka a ne a lemoga gore mongongoregi o mo roka itlho la phokoje mo mosading wa gagwe. Nleya a re Letlhoano o ne a iphitlhela a setse a reteletswe ke go laola maikutlo a gagwe mme a mo fitlhela dinala.

Le fa go ntse jalo, mosekise are mosekisiwa o dirile molato o a tshwanetseng go o otlhaelwa ka a paletswe ke go dira se go tweng pelo potsanyane e a golegwa, e senkele thapo o e bofe. Pele ga a ntsha katlholo, Mmakaseterata Moanga, a re lekgotla le lemogile gore mabaka a go tweng mosekisiwa o ne a kgoberegile maikutlo kgotsa a rumotswe, ga a kake a dira gore a iphare mo molaong. Moanga a re Letlhoano o ne a tshwanetse go sala molao morago ka go tseela mongongoregi kgato e e gagametseng ya semolao go mo latlhisa mokgwa  oo.

Kwa bofelong ja tsheko, Moanga a re go itseela molao mo diatleng ga go letlelesege. Mme a re o etse tlhoko ipobolo ya mosekisiwa ya gore ke ralelwapa wa bana ba le barataro, ebile ke morui yo o itlhokomelelang leruo ebile ke santlha a dira molato. Fela, a re makgotla a tshwanetse go bontsha batho gore tlolomolao ga e amogelesege mo setshabeng seno.

Mosekisiwa o atlholetswe dingwaga tse tharo mo kgolegelong mme tse pedi tsa seegelwa kwa thoko lobaka lwa dingwaga tse tharo a sa dire molato o o tshwanang le o a o dirileng.