Naledi

Baboki ba Setswana ba ntshana se inong

Moreri
 
Moreri

Maikutlo a  a senogile bosheng kwa thutosekadipuisanong ya lekgotla la baboki ba Setswana, e eneng e bidiwa fela gotwe Matlhaolosa Poetry Ensemble. Bokopano jo bone bo tshwaretswe kwa sekoleng se se golwane sa Limkomkwing ka mafelo a beke e re tswang mo go yone.

Morutushi mogolo wa thutosekadipuisano e, gape ele leloko la khuduthamaga ya komiti ya MPE e bile ele mmoki wa Setswana, Moroka Moreri a re ba bone go se thona gore ba dire bokopano jwa go dira maiteko a go tsosolosa mowa wa boboki jwa Setswana.

Moreri a re phuthego e ene ele ya ntlha ya baboki ba Setswana mme ba solofela gore e tla tswelela e nna teng ka jaana baboki ba tshwanetse go ntshana se inong le go kgothatsana. O tsweletse a tlhalosa fa baboki ba tshwanetse go itsetsepela ka ngwao, ka poko ya setso e tsamaelana thata le ngwao ya Setswana. Moreri o rotloeditse baboki gore ba seka ba lwantshana, ka wa maloba a boletse a re mabogo dinku a thebana.

Moreri a re o eletsa go bona baboki ba Batswana ba boka ka Setswana e bile ba tlotlomadiwa jaaka ba ko mafatsheng a mangwe e bile ba nale ditshwantsho tse di ba supang mo marekisetsong a matona, se ele go ngoka batho go bona bodiragatsi jwa bone.

Sebui sa tlotla kwa bokopanong jo, Moiseraela Goya yo gape eleng Mothusatona wa Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso, a re bokopano jo ke sekao se sentle sa kutlwano ka jaana baboki ba Setswana ba ka ipela ka go supa gore ngwao le setso di santse di ise di latlhege mo Botswana.

Tona Goya a re o eletsa gore makgotla otlhe a sepolotiki mo Botswana a ka akaretsa mo maitlamong a o ne gore a ka direla baboki eng, a re ekete go lebega e kare ke bangwe ba batho ba ba kgethololwang mo sechabeng.

Bangwe ba dibui ya bo ele Motlhatlhelela dithuto kwa Mmadikolo Porofesa Thapelo Otlogetswe, Ngaka Dudu Jankie, le mongwe wa baboki ba Setswana,Benjamin Jannie le Morulaganyi wa Lokwalodikgang lwa bodiragatsi le itloso bodutu lwa Mmegi Maureen Odubeng.