Blogs

Seo ga se go phepafatsa

Go twe, bangwe ga ba ele tlhoko gore ba ja eng, le gore ba ja go le kana kang. Go twe, go ja dijo mo go feteletseng, go felela go tlisitse malwetse a gongwe a ka bong a se yo, jaaka sukiri, madi a matona le bolwetse jwa pelo.  Gape ga twe, malwetse mangwe a dirwa ke go tlhoka go itshidila kgotsa go sidila mmele.

Godimo ga dijo le go tlhoka go itshidila, go twe tikologo e e leswe le yone e kgona go okela batho malwetse. Kgang e tswelele e re, malwetse mangwe ke a re ka a hemang ka go ela tlhoko gore re ja eng, go le kana kang, le gore, re nna fa go ntseng jang.

Go gatelelwa gore re je dijo ka go di tlhaola, le go di lekanyetsa, e seng go ja fela ka gore ke dijo di tshwanetse go jewa, kana go jela fela go laolwa ke mpa. Go gatelelwe gape gore, le fa re leng teng, a re tlhomamise gore go phepa.

Go utlwala fa kgang e ya botsogo e ne ya tshwarwa nako nngwe kwa Makwate mo phuthegong ya kgotla e ne e biditswe ke ba botsogo gone koo. Kgang ya nna eng? Kgang ya nna gore tikologo e e phepa e tsisa botsogo bo bontle. Jalo he, morafe wa kgothadiwa go tlhokomela tikologo ya bone.

Batho ba kopiwa gore ba se ka ba gasagasa matlakala ka, jaaka re itse, a ka felela a jewa ke loruo lo lo mo motseng, mme go se ke go siame.

Batho gape ba bolelelwa fa puso e dirisa madi a mantsi go lwantsha malwetse a a tsenang batho le loruo, a tswa mo tikologong e e leswe. Re dumele mafoko a ka ga twe, dikgomo di a tle di tsenwe ke bolwetse jwa mabele, di jele leswe mo motseng. Gape leswe le oka dintsi le monang/montsana, dingwe tsa dilo tse di tlang ka malwetse.

Go sale foo, re itse fa leswe le se lentle, le sa jese leitlho monate. Motho o ka palelwa ke go ja fela ka gore fa go jelwang teng kana fa go apeetsweng teng go leswe. E re go bonwa ngwana a le leswe, go hakgamalwe, go twe, a ngwana yo ga a nne le batho.

Ka tikologo e e leswe ga e kgatlhe, e bile e ka re leretse malwetse, kwa phuthegong ele ya Makwate, megopolo ya go ka phepafatsa tikologo, e ne ya nna eng? Ga twe ba botsogo ba ne ba kopa morafe go tshwaraganela tiro ya go phepafatsa motse fa ba kopiwa go dira jalo.

Morafe wa dumalana, wa tlatsa ka gore dikgotlana tsotlhe di tshwanetse go kopana ka nako ya go phepafatsa motse. Mo go bo go raya gore, e re go twe letsema le bolotse, dikgotlana tsotlhe di eme di dire, go se nne epe e e salelang kwa morago e re tiro ya kgosi e bolaya lesilo; ke gore yone e setse, e sa dire sepe.

Go tsaya morafe tema, ga twe mongwe wa banni o ne a re o tlaa ntsha sejana (kopi) se se tlaa abelwang kgotlana e e tlaa bong e gaisitse tse dingwe ka nako ya go phepafatsa.

Go raya gore, sejana se, e tlaa nna se se amogawang, ampo se se fapaanelwang. O, ke mogopolo o montle ka o ka tiisa morafe moko, kgotlana nngwe le nngwe ya lwela go gapa sejana se. Fa e bega ka kgang e ya botsogo kwa Makwate, Dikgang/Daily News (Dikgang Moranang 22 2015) ya re;

‘ E re go ntse jalo o rotloeditse banni go aga matlwana a boitiketso ga mmogo le go baya matlakala fa thoko ga tsela le go latlhela metseto ya bana mo ditseleng.’

Ke ka fa go tweng modulasetilo wa komiti ya botsogo o ne a rotloetsa morafe go phepafatsa motse ka teng.

A o utlwa temana e re e nopotseg e jaaka Mmualebe a e utlwa?  E bale gape ka kelotlhoko. O utlwa e reng? Mmualebe ene o utlwa temana e, e bua ka dilo di le tharo. Temana ya re, modulasetilo o ne a rotloetsa batho go aga matlwana a boitiketso, go baya matlakala fa thoko ga tsela, le go latlhela metseto ya bana mo ditseleng. 

Ke eo kgang. Wa reng ka yone? Mogopolo wa go aga matlwana a boitiketso ke mogopolo o montle, re dumalana nao.

A mme megopolo ya bofelo e mebedi, go baya matlakala fa thoko ga tsela, le go latlhela metseto ya bana mo ditseleng, e ka thusa go fokotsa leswe?

 A o dumalana le yone? Mmualebe ga a dumalane le go dira jalo. Ene a re, seo ga se go phepafatsa, ke go oketsa leswe le go anamisa malwetse.

Le gale Motswana a re, matlho mabedi fela ga a lebele gongwe. A re utlwe gore wena o bona jang.

motshwanes@yahoo.com