Blogs

Legokedi leo, ga se lone

Fela go utlwala gore, kwa Bokaa, kwa Kgatleng go kile ga tshwarwa phuthego ya kgotla, e le ya modulasetilo wa khansele. Re a tle re re, tiro e le ya morafe, e nna e nne le bagolo fa gare ga yone. E re ba loisa Setswana ba re, ga di ke di goga di le nosi, tse ditona di se yo. Fa, ba a bo ba bua ka dipholwana tse di sa ntseng di rutwa go goga, di katisiwa. Ba re, di le nosi, di tloge di phetsole dijokwe, di goge di kaname. Di goga di kaname, o wele mosepele? Nnyaa, go pale, gongwe go bo go lalwe nageng. E re fa ba tlhalosa mafoko ale, ba re ga se gantsi e re bana ba dira tiro ba le nosi, e direge sentle. Ba re, gore tiro e tsamaye sentle, ke gore bagolo ba bo ba le teng, ba thuse bana gore go dirwa eng, se dirwa jang. Mme fela, kwa phuthegong ele, go bonala go ne go se sepe se se thata, E ne e le fela gore bana, e bong morafe, ba reetse thata mme morago, ba dire tse ba neng ba gakololwa, ba kgothadiwa, go di dira. Re re, a go dirwe jalo, e seng go tsaya ka tsebe fela.

Fa re ntse re ya le thota e diselo, re anapa, ga bonala fa mokhanselara a ne a se nosi kwa phuthegong ele ya Bokaa. Go kaiwa fa mongwe wa bagolo koo, e ne e le mookamedi wa ofisi ya sepodisi kwa Mochudi, Rre Dick Busang. Mme ene ya re a tswa la gagwe a itebaganya le kgang ya go lwantsha borukutlhi, ba re ke twantsho borukutlhi. Potso e re borukutlhi e le gore bo lwantshiwa jang? Go utlwala fa Rre Busang a ne a gatelela gore thibelo le twantsho borukutlhi ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe. Re dumela gore fa, Rre Busang o ne a raya gore rotlhe re le setshaba, re le Batswana, re eme ka dinao, re lwantshe, kgotsa, re thuse go thibela le go lwantsha borukutlhi. A raya gore a re se tseye gore, tiro eo, ke ya batho bangwe, e seng rona. Potso e bo e ka nna gore re ka itatola tiro eo jang, fa borukutlhi bone bo tsweletse bo direga mo gare ga rona. Go ntse jalo, go tshwanela gore rotlhe re eme ka dinao, re thuse, re gakologelwe gore go na le sedikwa ke ntsa pedi.

Go ntse jalo, potso e nne gore, mme re le morafe, re le setshaba, re ka thibela, ra lwantsha, borukutlhi jang? Go ya ka polelo ele, Rre Busang o ne a bolela fa mapodisi a tsweletse a rotloetsa morafe go ikgolaganya le dikomiti tsa twantsho borukutlhi go hema mokgwa o o maswe oo. A fetela pele a re, fa e le gore ga go na komiti, a morafe o ikgolaganye le mapodisi gore ba tle ba rutuntshiwe go ema ka dinao ba lwantsha borukutlhi. Go ntse jalo; sedibeng go iwa ka tsela. Fa o sa itse tsela ya kwa o go yang, kana, kwa o batlang go ya teng botsa yo o itseng a go digele mo go yone. Mme o bone, motho yoo, a se ka a etsa Mokotedi yo e rileng go twe a digele motho mo tseleng, e le gore a kaele motho yoo tsela, a mo latlhela fa fatshe. Ba ba foo, ba hakgamala, ba botsa Mokotedi gore o dira eng. Ka ene a ne a bona go se ope molato, Mokotedi a re. ‘Lo rile ke mo digele mo tseleng’ Ba a tlhoka a le tlhaeng.

 Fa re ntse re tla le polelo, re utlwa gore godimo ga go kgothatsa morafe go tshwaraganya le dikomiti tsa twantsho borukutlhi, Rre Busang a kgothatsa gore le mogopolo wa Ntebele ke go lebele o se lebalwe, o salwe  morago. A gakolola gore re le baagisanyi, re bone gore re a itsanye. Mafoko a, a bo a raya gore fa o le fa, o itse gore yo o ka kwa, wa lelwapa  lele, ke mang, o  bo  itse le botlhe ba a nnang le bone ka koo. Go twe, a le ene a go itse, a bo a itse le botlhe ba lelwapa la gago. Ba fetele  pele ba ntebela ke go lebele ba re, le fa o tsamaya , o tswela golo gongwe kgakala, bolelela moagisanyi gore o tlaa bo o se yo lebaka le le kae, le gore a go sala mongwe mo ga gago, gore fa go sa sale ope a nne a beile leitlho gore a ga go tsene ope yo e seng mong wa gae, a tloga a senya. Go sale foo, Rre Busang a gakolola gore, re le batho, a re se ka ra tsamaya bosigo re le nosi, ke gore motho a le nosi. Fa o tlhasetswe, o tlaa tshabela kae, o tlaa kuelwa ke mang?

Polelo ele ya phuthego ya Bokaa, re e tletswe  ke Dikgang (Daily News) Tlhakole 12 2020.

Fa e bua ka fa Rre Busang  a neng a gakolola ka teng gore batho ba se tsamaye bosigo  ba le nosi, polelo ya re;

‘Jaanong re seka sa tsamaya masigo re le nosi’.

A re kgaole kgang re re, fa godimo fa, re bona lefoko ‘sa.’ Ga twe ‘re seka sa…’ Mme re re, lefoko leo ke phoso, go dirisitswe legokedi le e seng lone ka go buiwa ka batho e seng selo. Ka e bua ka rona batho, polelo e tshwanetse gore e re ’… re se ka ra tsamaya masigo…’ mme go lolame .