Blogs

A leemedi leo le kopane

E a gangwa e tlatse dikgamelo mme e sale e ntse e rwele thele. Go bona e ntse jalo, e neelwe namane, namane e rokotse mme kgomo eo e bowe e gangwe, e gamiwe, gape. Kgotsa fa e amusa legwere, mosimane a tseye mokao, a e kaye, ba bangwe ba re a e katloe, mme a e tsene ka fa tlase a anywe morokotso. Ka e segamo, ke gore, e masi mantsi, e sisa thata le go se na go dirwa jalo, e amuse namane mme namane e kgore.

Jaanong gompieno, re tlaa re, re bonye polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Bokaa, e tshwana le kgomo e le segamo. Mo polelong ele, re ne ra bona mafoko mangwe, a jaaka gale, re neng re batla go latlhela la rona ka one. Fela ra se ka ra kgona go dira jalo ka mafoko otlhe a re neng re a bonye. Re ne ra bua ka lefoko le le lengwefela fela, re supa gore ke eng le sa dirisiwa sentle. A mangwe ale, ra tlhaela go bua ka one. Mme ka jalo, kgang ya rona ya maloba ya se ka ya wela ka botlalo. Jaanong, go e digela, re tlaa boela fa morago fale, go bona jaaka re ne re tla re gata gore ke gone re tle re wele kwa re neng re batla go ya teng. Maloba re ne ra utlwa fa phuthego ele ya Bokaa kwa kgotleng, e ne e biditswe ke modulasetilo wa khansele. Go sale foo, polelo ya kaya fa mongwe wa bagolo ba ba neng ba tsenye phuthego eo, e ne e le mookamedi wa sepodisi kwa Kgatleng, Rre Dick Busang. E le mogolo, Rre Busang a se ka a tla fela. A tla a tsholetse bana, e bong morafe wa kgatleng , sengwe. Seo e le lefoko la kgothatso.

Setswana sa re, ‘Moroto wa e esi  (kgomo) ga o ele.’ Motlha mongwe go twe, ‘wa o esi’ mme Batswana bangwe ba gana ba re, fa go twe ‘wa o esi’ foo go buiwa ka motho, mme seo ga se Setswana, ga se tlotle. Ba re, ka Setswana, ga go twe motho o a rota, fa e se fela go buiwa ka ngwana a lala a kolobetsa dikobo a robetse. Ba re, fa e le mogolo, ga twe o ile ka fa mahuri, o ile go itlhoma, kgotsa, go twe o eme fa logoreng, e seng go papamala o bua fela jaaka e kete o bua ka ngwana. Mme sone seane sele, se raya eng? Se raya gore, tiro e direga motlhofo, e direge sentle, fa batho ba e tshwaraganetse, ba e dira mmogo, ba thusanya. A fetele pele Motswana a tlhofofatse puo ka gore a re go na le go rwadisanya merwalo. Mafoko a otlhe a amana le se go bolelwang Rre Busang a ne a se bua kwa phuthegong ya kgatleng. Ga twe Rre Busang o ne a kgothatsa gore rotlhe re eme ka dinao, re thuse go thibela le go lwantsha borukutlhi. Re nne re dumalane re re, a go nne jalo. A rotlhe re eme, re thuse, re se tseye gore thibelo le twantsho borukutlhi ke tiro ya batho bangwe rona ba bangwe ga re tsene gope. Re fetele pele re re, a e se re Motswana a re ‘Sedikwa ke ntsa pedi ga se thata,’ ra nyatsa. A re eme re thuse. Re re, fa re dira jalo, bangwe ba ba boi, e le dirukutlhi, ba ka bona gore ruri ntwa e bolotse, ba ikgogele morago, ya re le fa borukutlhi bo sa fele, gone seemo se bepe, go raya gore borukhutlhi bo ngotlege, kana, bo fokotsege. Fa go ka nna jalo re bo re lekile, re dirile. Mme re re, o etse ka ke wa tse dintsi, e seng wa e e esi. Ntwa re e lole re fitlhele golo gongwe.

 Polelo e supa fa Rre Busang a ne a se ka a felela fela ka go bua gore re eme ka dinao re lwantshe borukutlhi. Godimo ga moo, a kaya fa ditsela dingwe tsa go thibela borukutlhi, e le dikomiti tsa twantsho borukuthi le thulaganyo ya Ntebele ke go lebele. A re, a tse le tsone di emelwe ka dinao.

Mogolo mongwe gape yo re utlwang a ne a le kwa ke Mme Khutsafalo Mogotsi, mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehum. Ga twe Mme Mogotsi o ne a nyatsa gore, badirisi bangwe ba lenaneo le, ga ba tlhagafalele go bona gore tse ba di filweng, di tswelela sentle. A bolela fa motse wa Bokaa o filwe mananeo a le masome  mabedi le boferabongwe mme mo go one go tshela a le mane fela, a mangwe ale, a le bokoa.

Re setse re boletse fa polelo ele ya phuthego ya Bokaa re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Tlhakole 12 2020.

Fa e bua ka mananeo a e reng Mme Mogotsi o ne a kaya a atlegile, polelo ya re; 

‘Lenaneo la landscaping, bakery le textile ke o ne a ke a gakologelwang….’

Mme le gompieno re nne re kgaole mosepele re re, fa godimo fale, re bona mafoko ‘o ne.’ Re re, ga go a kwalwa sentle ka mafoko a, a dirisitswe e le leemedi. Jalo he, a leemedi leo, le kopane e nne ‘one.’ Potse e re ‘One eng?’ Karabo e re, ‘One mananeo,’ e seng o ne mananeo. Fa re rile one, e seng o ne, go wele sentle.