Ping Pong e tshwara dithuto � Motswagole
Teichler Rankoa | Wednesday April 20, 2016 15:51
Gompieno ba BTTA ba tlisitse mmantswitswidi wa Ping Pong go tswa kwa moseja.
Fa a bua le Naledi mabapi le dithuto tsa mafatshefatshe tsa motshameko wa Ping Pong tse di tshegeditsweng ke BTTA kwa holong ya yunibesithi ya temothuo kwa Sebele bosheng, Motswagole o boletse fa ba biditse mmantswitswidi wa Ping Pong Ahmed Dawlately go tswa kwa Ennyelane go tla go tlhatlhela batshameki ba Botswana ka Ping Pong.
Motswagole a re lefatshe la Botswana le setse le gatetse pele thata mo motshamekong o. Ka go rialo are go botlhokwa gore le tlhabolole batshameki ba lone ka methale yotlhe e e ka thusang gore ba fetoge dinaledi tsa boammaaruri.
 A re mokatisi Dawlately ke motshameki wa pele wa Ping Pong yo o tumileng go ralala lebopo lotlhe, mme gape a setse a itsege thata jaaka mmantswitswidi wa mokatisi ka a setse a katisitse go ntsha dinaledi di le dintsi tsa Ping Pong. A re se ba se mmileditseng mo Botswana se tlaa thusa go tlhabolola kitso le tshameko ya batshamek, go akaretsa le bone bakatisi le batsamaisi ba motshameko o.
Motswagole o itumeletse go bona batshameki le batsayakarolo botlhe ba Ping Pong ba tsene dithuto tse ka dipalo tse di kwa godimo, tse a reng di supa sentle fa maiteko le maikaelelo a bone a tlaa seke a lelelwa ke dipoo. A re le ene mokatisi Dawlately o tlaa itumelela go bona ka fa Batswana ba nyoretsweng go anywa go le gontsi mo go en.
A re le kwa a tswang o tla a bolela fa a itumetse go bona lorato le kemonokeng e a e neetsweng mono gae. O ne a rotloetsa botlhe ba ba mo motshamekong o go tswelela ba tsaya dithuto tsa mothale o ka tlhwaafalo ka e le tsone di ka ba thusang go gola le gone go godisa motshameko o wa Ping Pong, bogolo jang ka ba santse ba na le tlhaelo ya bakatisi ba ba tlhwatlhwa jaaka Dawlately. Motswagole o itumeletse go bona bakatisi ba Ping Pong ba tsaya dithuto tse ka tlhwaafalo. A re o na le tsholofelo ya gore ba tla a thusa thata mo bokatising ba tiile moko.