Blogs

Mafoko ao ga a dirisiwa sentle

Re le batho, re na le diteme kana dipuo tse di farologanyeng. Ka jalo, re bitsa dilo ka go farologana, go ya ka diteme tsa rona. E re Motswana a re selo ke kgomo, yo mongwe fale ene a bitse selo seo ka leina le sele. Go bolelwa go ntse jalo le ka lengana. Setlhatshana se, se bolelwa se bidiwa ka maina a mantsi, a diteme tse di farologanyeng. Fa Batswana ba se bitsa lengana, ga twe bangwe bone ba re ke African wormwood, ba bangwe ba re ke umhloyane. Maina a sone a farologane fela jalo go ya ka diteme tse batho, ka go farologana, ba di buang. Mme lone lengana le bonwa kae?

Go bolelwa fa lengana le bonwa mo mafatsheng a mantsi a borwa jwa Aferika. Jaaka re itse, mono Botswana le teng, mme gape ga twe le bonwa kwa Aferika Borwa le mo mafatsheng  a mangwe a botlhaba le bokone jwa Aferika. Mosola wa lengana ke eng kgotsa le dirisediwa eng?

Bangwe mono gae ba rata lengana thata, ba le dirisa go natefisa tee, ba tloge ba bolele monate wa yone o ka isa motho le naga. Mo godimo ga moo, re utlwa fa lengana le dirisiwa go alafa makoa a mantsi a mmele. Ga twe mangwe a malwetse a ke mhikela, tlhogo, sehuba le letshoroma. Gape le ka dira gore motho a nne le keletso ya dijo. Dibokwana tsa mala le tsone le bolelwa le di leka. Ba bangwe ga twe ba le dirisa e le setlolo go ntsha letsapa le go alafa dintho, fa bangwe bone ba le goga; mo go bone lengana e le motsoko. Mme ga go felele fa. Di bolelwa di le dintsi thata ditiro tsa lengana. Jaaka re buile fa godimo fale, kgang e ya lengana e bolelwa ke Naledi (23 Lwetse 2015). Fa e tlhalosa ka fa lengana le ntseng ka teng kgotsa ka fa le lebegang ka teng, Naledi ya re;

‘Gore o lemoge lengana, o ka o bona ka ….. le matlhatshana a o ne a a boboa.’

Le bolelwa le ntse jalo lengana. Fa o etse tlhoko, o tlaa lemoga gore, mo temaneng e re e nopotseng e, mafoko mangwe ga a dirisiwa sentle. Ga twe, ‘Gore o lemoge lengana, o ka o bona ka ….’ ‘O’ yo o tlang fa pele ga ‘bona’ yo, ke lengwe la mafoko a a sa dirisiwang sentle.

E rile maloba ra re, maina a tlhogwana (prefix) ‘le,’ a tsamaya le legokedi ‘le.’ Jalo he, fa e re Naledi e bua ka lengana e bo e re, o ka o bona, e fapogile Setswana; e ile le naga. Ka gore leina ke lengana, la tlhogwana ‘le,’ Naledi e ne e tshwanetse gore e dirise legokedi ‘le.’  E ne e tshwanetse gore e re, ‘….o ka le bona ka…..’ e seng o ka o bona ka. Fa e ne e le leina la tlhogwana ‘mo’ jaaka mosukujane, ke gone go ne go ka twe, ‘O ka o bona ka…..’ Eng? Mosukujane.

Mafoko a mangwe a a sa dirisiwang sentle mo temaneng ele ke ‘o ne.’ Molato ka mafoko a, ke eng? Molato ke gore mafoko a ga se magokedi, gape ga a tsamaelane le maina a tlhogwana ‘le.’ A re boe re utlwe Naledi gape. Naledi ya re, ‘…..o ka o bona ka….. le matlhatshana a o ne.’ Mafoko ‘o ne’ fa a tshwaraganngwa a dira ‘one.’ Lefoko le ke leemedi (pronoun) la maina a tlhogwana ‘mo’ jaaka re ka re, ‘Senkgwe o ja one.’ One eng? One morula. Fa, re tlaa bona gore, Naledi ga e a fosa fela ka go kwala, mme e fositse gape ka go dirisa leemedi le e seng lone. Ka go buiwa ka lengana, Naledi e ne e tshwanetse go dirisa leemedi la maina a tlhogwana ‘le.’ E ne e tshwanetse gore e re, ‘….. o ka le bona ka….. le matlhatshana a lone…..’ e seng jaaka e kwadile e re, le matlhatshana a o ne.

Jaanong re digela kgang ya gompieno re reng? Re digela kgang re re, mafoko ao, ‘o’ le ‘o ne,’ a a mo temaneng e re e nopotseng ele, ga a dirisiwa sentle. Ra re, go kwala sentle, Naledi e ka bo e ne ya re, ‘Gore o lemoge lengana, o ka le bona ka ….. le matlhatshana a lone…..’ Re boe re gatelele gore, fa e ne e kwadile jalo, e ne e tlaa bo e nepile.

motshwanes@yahoo.com