Blogs

Ga se a a supang

Go ya  ka polelo, tiro e, e ne ya tshwarwa ka kgwedi ya Hirikgong monongwaga go le mafelo a beke. Mme fa re ntse re tsenya polelo ele matlho, re bala malatsi, re bona tiro e ne e tshwerwe ka Matlhatso Hirikgong a le masome a mabedi le botlhano. Go kaiwa gape fa tiro e, e ne e simolotse e le khupelekhupele mme bafenyi ba khupelekhupele eo, ke bone ba abelwa dimpho. Go utlwala fa bafenyi bao, ba ne ba le batlhano mme ba fiwa dikgomo di le tlhano. Mo go bo go raya gore mongwe le mongwe wa bone a tsaya kgomo. Gone fa, mongwe a bo a ka botsa gore a tiro e ya Western ya go abela bareki e a simologa, kgotsa, e ntse e dirwa ka dingwaga tse tsotlhe?

Re re, ga re itse mme re utlwa gore, mogolwane wa marekisetso ale, Mme Maikano Molefe o boletse fa e le tiro ya ngwaga le ngwaga. Fela, ga go utlwale gore ke ya ngwaga le ngwaga go simolola leng; ke gore, go simolola ka ngwaga ofe, le gore go tla go fitlha fano, e tsamaile dingwaga tse kae. Se se kaiwang se le pharologanyo le sa ngwaga ono, ke gore ngogola go ne ga abiwa dilwana tsa ntlo tsa P50,000.00 fa monongwaga gone, jaaka re setse re utlwile, bafenyi ba khupelekhupele ele, ba ne ba abelwa dikgomo. Gore ke eng go ne ga tlogelwa mogopolo wa dilwana tsa ntlo, ga iwa le wa dikgomo, re ntse ga re itse. Fela tiro yone ke eo, e ne ya tswelela, ya ba ya itumelelwa ke botlhe. Go supa boitumelo jo, re utlwa fa Mme Molefe a ne a tlhalosa gore go botlhokwa go lemoga bareki ba ba tshegeditseng marekisetso a Western, e bile ba ka a thusa go tswelela pele,  le gore kwa ntle ga thotloetso ya bareki bao, marekisetso ga a ka ke a bona dipoelo dipe tse di nametsang, ke gore, tse di itumedisang. A tsene gone fa Motswana a re, ‘Mabogo dinku a a thebana,’ a raya gore fa motho a go diretse sengwe se se molemo, se se ntle, le wena ka moso, o mo direle jalo.

Go ya ka polelo re bona se, e le se marekisetso a Western a se dirang. Marekisetso a, ga a tseye fela gore bareki ke bareki go felela foo. A bona bareki e le batho ba a thusa, ba a tlhatlosa mme le one a tshwanetse go ba tlhatlosa. A dire jalo ka khupelekhupele mme ba  ba sego ba fenye ba fetele pele. Go ntse jalo, e nne one mabogo dinku. E re bangwe baagisanyi ba rona ba se leka Setswana ba re, ‘Maboho dinku a ya Thamaha,’ Go se ke go nne gone mme fela go utlwale gore ba a leka, A Western le bareki ba one, ke ao, ga re  bone a ya Thamaha, re bona ka boammaaruri e le mabogo a thebana, Go nne monate. Motswana a bue jalo ka mabogo. Fa o botsa Thanodi gore go theba ke eng, e re ke go thula ka tlhogo. Go bo go raya gore go thebana ke go thulana ka ditlhogo. Mme re itse gore mabogo ga a na ditlhogo ga a ka ke a thebana. Gore go twe a a thebana, seo e bo e le go natefisa puo fela.

Fela jaaka go tle go nne go direge fa tiro e le ya morafe, go utlwala gore le mo go ele ya Western ga bo go ntse go le bagolo bangwe. Mongwe wa bone e le Kgosi Babinang Majatsie e bile e le sebui sa tlotla. Ka e ne e le tiro e ntle, ga twe Kgosi a e itumelela, a akgola marekisetso a Western, a bona fa a dira tiro e ntle mo setshabeng. A fetela pele a supa fa marikisetso ao, a farologana le a mangwe ka one ga a leba go dira dipoelo fela, mme gape, a lebile matshelo a bareki ba one. Godimo ga moo, ga twe, a kgothatsa bafenyi ba khupelekhupele ele go tlhokomela dimpho tsele ka di ka ba tokafaletsa  botshelo. Ka yone, motho o ka dira ditiro tse dintsi, le tse di ka neng di le thata, a di kgone. E re Motswana a e boka a re ke, ‘Kgomo makgomola diretseng.’

Jaaka ga le, fa re ntse re anapa, re ne ra okomela Dikgang (Daily News) Hirikgong 29, 2020 mme ra fitlhela polelo ele moo. Fa e bolela ka fa e reng Mme Molefe o ne a bua ka teng ka marekisetso a bone le bareki ba one, polelo ya re;

‘A re……ba ipela ka makalana a a supang mo Botswana le ka tiro ya tlhwatlwa….’

Re tlaa nne re ngotle dinao re re, fa godimo fa, re bona mafoko ke ao a re, ‘…a a supang.’ Re re, lefoko ‘supang’ ga le a dirisiwa sentle ka polelo e bua ka se marekisetso ao a se dirang fa tota e k abo e bua ka palo ya marekisetso otlhe a Western mo Botswana. Re tle re re, mongwe wa menwana ya motho ke o o supang; motho o supa ka one.

Fa ka tsela nngwe menwana e meraro ele e kgaogile, re re motho o na le menwana e supa; e seng e e supang mme e go nne gone.