Blogs

Ga re galaletse

Mangwe re a tle re bue ka one mme ka ga re a tshwanela go tlola molelwane ole, mangwe a salele morago. A saletse jalo, go batle gore nako nngwe re a boele re fete ka one. Se, ke se se neng sa direga maloba ka kgang ele ya rona e e neng e itshegeditse ka polelo ele ya marekisetso a Western kwa Maun. Nako ele, lefoko lengwe le re neng re batlile go bua ka lone, le ne la sala kwa ntle. Jaanong , e tlaa re gompieno re tsweledise kgang ya rona ya yone polelo ele gore re tle re fitlhe kwa tota re neng re batla go ya teng.

Go tswela pele, re ikgate motlhala re re, maloba re ne re sa utlwa gore e ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga ono, marekisetso a Western kwa Maun, a abela bareki bangwe ba one dimpho. Go ya ka polelo ele, tiro e, e ne e simologile e le khupelekhupele. Motswana o a tle a bitse ngwana leina a re Gaamangwe. E re o botsa gore leina leo, le raya eng, a re, ke Setswana sa re ‘Masego ga a mangwe.’ A fetele pele a re, ga re abelwe ka go tshwana. Go bonala go ne ga nna jalo ka tiro ele ya marekisetso a Western. Bangwe ba segofala ba fenya mme ke bone ba abelwa dimpho. Dimpho tseo di kaiwa e ne e le dikgomo di le tlhano. Le fa bangwe ba ne ba tlhoka lesego, ba tswa ba ipotlhere, tiro eo, e bolelwa e ne e le monate, ba ba neng ba e tsenye ba  itumelela thata. Godimo ga moo, re ne ra utlwa fa tiro e, e sa simologe mme e le tiro ya ngwaga le ngwaga. Fela polelo ya se ka ya tlhalosa gore, ke  ya ngwaga le ngwaga e simologile leng, le gore e setse e tsamaile dingwaga di le kae. Se se neng sa utlwala sentle fela ke gore, ngogola tiro e, e ne ya tshwarwa mme ga abiwa dilwana tsa ntlo tsa P50,000. Monongwaga ga nna pharologanyo ga abiwa dikgomo. A go abelwa dikgomo ke gone gore ke kgomo makgomola diretseng, kgotsa, go ne go lebilwe eng, ga re itse, ga go tlhalosiwe. Mme ke tseo tsa ya marakeng. E ntse e le makgomola diretseng, e re Motswana a na nayo, e mo imele a re, ‘Ka e tlhoka ka tlhoka boroko, ka nna nayo ka bo tlhoka.’ Go ntse jaana, a se ke a itse gore o ka tshabela kae, fa e se go ineela fela. E re e nngwe e itibola, ke gore e le la ntlha e tsala, a e bitse leina a re, Diagoroga, a itumelela gore di a ata, ke gore di nna dintsi. E nngwe gape e latele, e tsale, mme leina le re Sakaletletse. A dire jalo Motswana. Le fa kgomo e mo tsenya dingalo, a e bitse maina, a e boke, ka o dumela gore, kwa ntle ga yone botshelo bo thata. Re re, gongwe o, e ne e le one mogopolo wa gore monongwaga, marekistso a Western, a abele bafenyi bale, dikgomo. Ra utlwa jalo gore, tsa abiwa dimpho, e le dikgomo, mme Kgosi Babinang Majatsie yo neng e le sebui sa tlotla, a itumelela tiro eo thata. Go ya ka polelo, Kgosi a bona fa marekisetso ao, a gaisa a mantsi ka ga a a leba go dira dipoelo fela mme gape a lebile matshelo a bareki ba one.

Re setse re boletse fa polelo ele ya marekisetso a Western re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Hirikging 29 2020. Fa e bua ka fa e reng kgosi Babinang Majatsie o ne a  akgola marekisetso ao ka teng go bo a abetse bareki bangwe ba one, polelo ya re;

‘O galeleditse bogogi jwa Western, a re ba gaisa ba le bansti…’

Go goroga kwa re go yang, re re, fa godimo fa, re bona lefoko ‘galeleditse.’ Re botse gore, a o bona lefoko le, le siame, kgotsa, nnyaa? Fa le siame, re re ke eng le siame. Mme fa le sa siama, molato ke eng ka lone? Re re, rona re bona le sa siama, e se lefoko la Setswana. Re fetele pele re re, re tsaya gore lefoko le, le tswa mo go ‘galeletsa.’ Jaanong bula Thanodi, o batle lefoko ‘galeletsa’ ga o ke o le bone gope. Boemong jwa lone, o tlaa bona lefoko ‘galaletsa’ le e reng Thanodi e le tlhalosa e re ke go boka, go opelela ka boitumelo. Re dumalane re re, fa o galaletsa selo, o a bo o se itumeletse, o se ratile thata. Fela jalo, fa o galaletsa motho, o a bo o mo itumeletse, o bona a dirile tiro nngwe e ntle, kana, a e dirile ka bonatla, ka botshwerere, ka matsetseleko. Setswana-English Dictionary yone fa e tlhalosa lefoko ‘galaletsa’ ka Sekgowa e re, praise, glorify, mme go nne go tshwanele. Jalo he, ga re galeletse, re a galaletsa. Jaanong, go bua, go kwala, sentle, polelo e ne e tshwanetse gore e re,

‘O galaleditse bogogi jwa Western….’ e seng, ‘o galeleditse bogogi ….’ E buile jalo, e kwadile jalo, polelo e bo e nepile.