Naledi

Batshwaraditlhapi ba kgala Blackbeard

A re ka jalo ba ile ba tsaya tshwetso ya go kwalela Tautona Ian Khama go kopa thuso tebang le dikgwetlho tse di ba lebanyeng ele batshwaradithapi.

Mokunki o boletse gape fa ditlhapi ele tsone fela jaanong di tshwereng matshelo a bone ka kgaolo Bokone-Bophirima e e gateletswe ke manokonoko a tsa tlholego jaaka leuba gammogo le bolwetse jwa tlhako le molomo. A re batshwaradithapi ba ka tshwara lekgolo le masome a robabobedi le bone, ba beileng matshelo a bone mo go rekiseng dithapi.

Mokunki o kgapetse thoko magatwe a gore khansele e kobile bareki ba dithapi kwa mafelong a go rekisetswang teng. A re mafelo otlhe a thekiso a tshwanetse go sala morago ditsetlana tsa thekiso tsa melao ya lefatshe, seemo se a kaileng fa sene se sa diragale kwa go rekisetswang dithapi teng. O tladitse ka gore seemo seo se tlaa tokafala ka go nale lefelo le le itebagantseng le thekiso ya dithapi le le duelelwang.

E rile a ikarabela, Blackbeard, a tlhalosa fa Lecha la Ngami le ise le bulelwe batho go ka tsoma mo go lone. A re go emetswe ba legotla la morafe (Trust) la Sehithwa go feleletsa dithulaganyo tsa bone tsa kago ya Trust.

A re e tlaare morago ga moo, ke gone Lecha le ka bulwang  mme le tsamaisiwa ke Trust. Le fa go ntse jalo, a re diteseletso tsa go tshwara ditlhapi di tlaa fiwa sebaka gape sa go tswelela go fitlha kgwedi eno e ya fifing.

Blackbeard o tlhalositse gape  fa  ba ntshitse  dipampitshana tsa ikopelo letsomo la dithapi kwa mafelong otlhe kwa ntle ga lecha la Ngami le la Xao. A re dikopo tseo di solofetswe go bo di tladitswe e bile di gorogile kwa go bone kgwedi eno e fela. A re morago ke gone go tlaa sekwasekwang dikopo mme baikopedi ba simolole go tsoma.

O tsweletse a tlhalosa fa teseletso ya go tsoma e fokoditswe go nna ngwaga fela gona le dingwaga tse tharo jaaka pele, pele ga di ka shwafadiwa

Lecha la Ngami le dikile le tswetswe mo pakeng ee fetileng ya letsomo ka ntata ya go leswafatsa tikologo mo go neng go tlhalosiwa fa go bakwa ke go tlhoka tsamaiso ya Lecha.

 

E re gontse jalo, go umakilwe fa  ikopelo ya ditlhapi e remeletse kwa mafelong otlhe kwa ntle ga lecha la Ngami le la Xao kwa Mopipi, mme seemo se se ne sa tsenya batshwarathapi tsebetsebe ka ba ikaegile mo go one go bona palo ya ditlhapi tse di botoka go itshetsa.

Mokunki o tlhalositse gape fa mo bokopanong jwa bone le ba lephata la diphologolo, ba ne ba tlhalosetswa fa Lecha la Ngami le santse le tswetswe, e sale letsomo la dithapi le bulelwa monongwaga. Ka jalo are batsomi ba ka tsoma go fitlhelela ba emisiwa ke mokwalo oo lolameng wa Gazette.

A re ele baeteledipele ba mokgatlho ba lemogile fa mokwalo oo supang fa Lecha la Ngami le tswetswe ele mokwalo wa maikutlo a mongwe gotsweng mo ofising ya Maun mme ditshwetso tseo di sa amane gope le ba lephata.