Blogs

�Le� o tsamaya le �le�

Bangwe e a re botshelo bo nna thata, ba itlhoboge, ba se ke ba loge leano lepe la gore ba ka ithusa jang. Go thatafalele pele. Ba bangwe e re go nna thata jaana, ba eme, ba dire sengwe, mme ba atlege, ba tswelele. Motho a lebale go lalela ka metsi, a bo a bone le fa a latsang tlhogo teng. Re utlwa fa mongwe wa go nna jaana e le Mme Kelelese Diane, yo gantsi a bidiwang ‘K,’ kwa Letlhakane mo kgaolong ya Boteti.

Bangwe ba ipelafatsa ka gore ba ne ba thusiwa ke puso ka mananeo a nyeletso lehuma, go bula madirelo a bone.

Go lebega go sa nna jalo. Go lebega fa ene a ne a leka fela kwa ntle ga puso mme a kgona. A gagwe ga se madirelo a a kwa ntle mme fela go bonala a itshetletse. Ga twe o apaya borotho a bo a rekisetse mo lwapeng. Le fa go ntse jalo, re utlwa fa batho ba rata borotho jwa gagwe thata. Ga twe fa ba bo gopotse, ba omoga jaaka ditshoswane di tswa mo mosimeng. Bo bolelwa bo le monate thata borotho boo, e bile bo apeelwa fa go phepa. Tse ke tsone tse di okang bareki.

Mme ka ga go na peo e e se ke e tlhoka leidi, ga twe bareki bangwe ba a tle ba kolote mme ba tloge ba ineye naga, ba se ke ba tlhole ba tla go duela. A latlhegelwe ka o a bo a tsenye matsapa a go reka dijo tse le go di apaya. Fela seo ga se mo kgobe marapo. Go bolelwa fa tiro e, a e simolotse ka 1982, mme le mo nakong eno, a ntse a e dira e bile a tsweletse sentle. Ga twe a re ka madi a yone, o kgonne go aga, o godisitse bana ba gagwe, jaanong o lebile bana ba bana. Kitso ya go apaya yone a e tsere kae? Ga twe a re o rutilwe ke mmaagwe jaanong o ruta bana ba gagwe. A tshela jalo phokoje yo o dithetsenyana. Re solofela fa bana ba tlaa tsaya malebela, ba eme ba itirele, ba se ke ba nne ka diatla.

Kgang e re buang ka yone e, e bolelwa ke Naledi ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘ “K”- Mmaborotho wa Masakane.’ Temana ya ntlha ya kgang e ya re;

‘Mo malatsing ano a botshelo bo leng thata jaaka kgetse ya letswai ntateng ya letlhoko lwa ditiro lo lo golang jaaka kgabo ya molelo e utlwa phefo ya borwa….. bangwe ….. ba nna tlhogo phefo go loga maano a a popota a go itshetsa.’Go ntse jalo. E a re go nna thata, bangwe ba rwale mabogo mo tlhogong ba itlhoboge. Bangwe bone ba eme, ba tshware ka diatla, mme sengwe ba se bone.

Mo temaneng e re e inotseng e, go na le lefoko ‘letlhoko.’  Lefoko le, ke lengwe la mafoko a a dirisang tlhogwana (prefix) ‘le’ mo bongweng (singular) mme mo bontsing (plural) a dirise ‘ma.’ Ka Setswana ra re, ‘lebogo, mabogo,’ ‘legapu, magapu.’ Re sale foo, go na le maina a a dirisang tlhogwana ‘lo’ mo bongweng mme mo bontsing a dirise ‘di.’

Re setse re kile ra supa gore, maina a, ga a dirise magokedi a a tshwanang. A re lemoge gore, legokedi ga le gokele diele fela, mme gape, le gokela le mafoko a mangwe. Jaanong kgang ya rona gompieno ke eng? Kgang ya rona ke gore, fa godimo fale, Naledi e dirisitse lefoko ‘letlhoko’  mme la latelwa ke magokedi ‘lwa’ le ‘lo.’ Naledi ya re, ‘Letlhoko lwa ditiro lo lo…..’  Ka ke magokedi a leina la tlhogwana ya ‘le,’ magokedi a, e tshwanetse go nna ‘la’ le ‘le’ e seng ‘lwa’ le ‘lo.’  E le sekai, re ka re, ‘Legapu la ga Senkgwe, le lehibidu, le monate,’ e seng, ‘lwa ga Senkgwe lo lohibidu…..’ Fa e le bontsi re re, ‘Magapu a ga Senkgwe, a mahibidu…..’ Fa e le legokedi la leina la tlhogwana ‘lo,’ gone re re, ‘Lobone lwa ga Senkgwe, lo lo mo tlung,  lo timile.’  Fa gone ‘lwa’ le ‘lo,’ o siame. E tlaa re e le bontsi re re, ‘ Dipone tsa ga Senkgwe, tse di mo tlung, di timile.’

Gore Naledi e re, ‘Letlhoko lwa ditiro lo lo golang…..’ ga e a kwala sentle. Leina ke ‘letlhoko’ la tlhogwana ya ‘le.’ Jalo he, Naledi e ne e tshwanetse gore e re, ‘Letlhoko la ditiro le le golang…..’ Go kwala jalo, e ne e tla bo e kwadile sentle thata, e nepile. Jaanong re wela re reng? Re wela re re, jaaka re kile ra bua gore ‘Lo’ o tsamaya le ‘lo,’ ‘Le’ le ene o tsamaya le ‘le.’ A magokedi a, a se re tsietse.

motshwanes@yahoo.com