Blogs

Ga re e nngwe e letse nageng galaletse

Bangwe,  jaaka Motswana a tle a bue, ba gare ga dithota le dipowa. Go twe, bao ba kgakala le ditlamelo le ditirelo mme go di bona  ke gore ba di late kwa di leng teng. Mo go bangwe, mosepele o nne moleele mme ba imelwe. Go bona seemo sa go nna jaana, puso ya tla ka mogopolo wa gore, motlha mongwe, kgang ya gore molwetsi o lata ngaka, e beelwe fa thoko, ngaka ke yone e late molwetse. Go bo go raya gore, go na le gore ka nako tsotlhe batho ke bone ba late ditirelo kwa di leng teng, a ka nako tse dingwe ditirelo tseo ke tsone  di late batho. Moono e nne gore mme e seng fela ba ba kgakala, le ba ba gaufi ba direlwe jalo.

Go diragatsa mogopolo o wa go isetsa batho ditirelo, go utlwala fa e ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong, ga bolola letsholo lengwe go ya Dimajwe kwa Tswapong go isa ditirelo dingwe koo. Go ya ka polelo e e rileng re ntse re anapa ra e sela, letsholo leo, e ne e le la maphata a puso a a farologanyeng le eteletswe pele ke la badiredi ba la ga Molaodi go tswa mo Serowe. Polelo e kaya fa letsholo le ne la tsaya letsatsi lotlhe koo le thusa batho.  Ga nna monate ka  ngaka ke yone e neng ya gokela setlhako ya lata molwetse.

Go bonala tiro yotlhe ya tsatsi leo e ne ya tsamaya sentle. Fela go kaega gore selelo segolo sa morafe ya nna didiba tsa masimo. Re itse gore Motswana o tswa gole, kgakala, a lema, a rua, a ikaegile ka pula. A letele gore pula e phaile mme ke gone a leme. Le a sena go lema, a lope gore pula e ne, e nosetse dijwalo tsa gagwe.Gape, a batle gore e ne e tlatse dinoka, matamo, le megobe, loruo lwa gagwe le lone lo tle lo nwe sentle. Fa go tsweletse, pula ya ngotlega. Dingwe dingwaga di tlhatlologane go se na pula mme temothuo e nne thata. Go hema seemo se, balemi bangwe ba epa didiba mo masimo gore e re fa pula e kaletse, jaaka Motswana a tle a bue, ba nosetse dijwalo tsa bone. Go utlwala fa didiba tse tsa masimo , e le tsone tse go neng go lelwa ka tsone ka tsatsi lele kwa Dimajwe. Selelo se tsositswe ke gore, ka go tlhoka metsi, barui bangwe ba kopa beng ba masimo go ba nosetsa; ke gore barui ba, ba nose mo didibeng tseo tsa masimo. Ka ke bao ba ne ba itela, ba amogelwa. Selelo jaanong ke gore dikgomo di hudusitswe kwa merakeng tsa tla mo masimo. Go tsoge ntwa fa gare ga barui le balemi ka dikgomo tse, di tlhagelela mo masimo di jele balemi mme ba felele ba itswela fela, ba sa roba sepe. Godimo ga seo, ga utlwala gore dikgosi le tsone di tshware bothata di seka di ba di atlhola dikgang tsa gore masimo a jewa ke dikgomo. Gore a dikgomo tseo di a bo di se na badisa, kgotsa, di tlogetswe fela go iphudisa mo teng ga masimo, ga re itse. Re dumalane gore, seo, ga se seemo se se monate. Re re, tshimo, ke tshimo, a e se dirwe mahulo a dikgomo. Fa basimane ba sa tlhagafalele go disa, ba tlogela dikgomo di senya, a ba lelelwe ke moretlwa, Motswana a re, ‘Go disa ga modisa ke go gorosa,’a raya gore tiro e tshwanetse go tlhagafalelwa ya dirwa ka botlalo. A re, a o modisa, a o dira efe tiro, a e dirwe e nne yone. Fa o sa dire jalo, a kgato nngwe e tsewe go go tlhagafatsa. Re nne re re, fa basimane ba sa tlhagafale ba disa, mme ba disetsa mo masimo, a moretlwa o ba lelele. Gape, fa beng ba dikgomo le bone ba sa leletse basimane moretlwa gore ba tiise ba dise, a kwa kgotleng dikatlholo tsa dikgomo go ja masimo di tiye. A fa re tlhalose gore ga re atlhole dikgang tsele tsa loruo go senyetsa balemi. Sa rona ke kgakololo fela le go tlatsa Motswana fa a re, ga modisa ke go gorosa. Re re, a go nne jalo.

Fa re fetela pele, polelo ya re, godimo ga gore dikgomo di senyetsa balemi, Rre Keobokile Mpatane ene o ne a supa fa naga e e neng e le masimo jaanong e gotlhegile ka  dikgomo di dintsi mo go yone, e fetogile meraka. Go se ke go nne monate.

E rile re ntse re anapa ra feta ka Dikgang (Daily News) Hirikgong 27 2020 mme ra sela polelo ele ya go isa ditirelo kwa Dimajwe mo go yone. Fa e bua ka fa e reng Rre Mpatane o ne a bua ka teng tsatsi lele, polelo ya re;

‘….. o boletse goe fa e sale go letlelelwa go epa didiba…’

 Fa godimo fa, re bona lefoko ‘goe.’ Re  re, a o kile wa bona lefoko le golo gongwe, kgotsa ke la ntlha o le bona? Jaaka re a tle re nne re bue, Motswana a re, ‘Mohudi ga go fose wa tlhobolo fela,’ a raya gore motho mongwe le mongwe o kgona go fosa; go dira phoso. Ke eo, ke phoso, re a e amogela. Jaaka rotlhe re bona, tlhaka e nngwe ya lefoko leo, e leng ‘r’  ga e yo. A monwana o ne wa relela, kana, wa taboga thata mme wa e tlola, ga re itse. Fa e ne e le dikgomo re ne re tlaa a re, e nngwe e letse nageng mme moretlwa o lele.