Naledi

��K�� - Mmaborotho wa Masakane

 

Mme Kelelese Diane wa dingwaga tse 61 o tlholega mo kgotleng yoora Sesoma kwa Serowe ke moagedi wa Masakane, ke morekise yo mogolo wa borotho mme bareki ba gagwe ba tlwaetse thata go mmitsa ‘’K’’ wa borotho jwa Masakane. Naledi  fitlhetse e le gore batho ba fapaana jaaka ditshoswane mosimeng mo ga gagwe ba reka borotho jo bo monate. ‘’K’’ o boleletse Naledi mo potsolosong gore o ikaegile ka mafoko a batlapele a a reng phokoje go tshela yo o dithetsenyane kgotsa tlhogo ya monna matsatsa. A re o rutilwe go apaya borotho ke moswi mmaagwe mme le ene o fetiseditse kitso eo kwa go barwadie e leng Kutlwelo Diane le Irene Diane gammogo le morwae e bong Annanious Diane, ba go sa ingwaelweng matsetse mo go bone fa go tla mo mererong ya kapei ya borotho.

A re o simolotse kgwebo ya gagwe kwa ntle ga thuso ya ga ope kwa Serowe ka ngwaga wa 1982 mme go fitlha jaanong o ntse o tshwere ka thata. ‘’Ke otlile bongwanake ka borotho ebile ba godile jaanong ke otla bana ba bana,’’ ga tlhalosa K. A re ka thekiso ya borotho o agile ntlo ya dikamore tse tlhano kwa Serowe mme o nna thata mono Masakane ka go na le theko e ntsi. A re kgwebo ya thekiso ya borotho e batla bopelokgale, bopelotelele le boineelo gore o tle o kgone go akola maduo a yone sentle ka e bogadi bo gaufi. O gwetlhile banana gore ba eme ka dinao ba itirele gonne ga twe kobo e sugwa ke mong wa yone; ba dirise mananeo a a leng teng a puso go simolola dikgwebo gore ba seka ba wela mo isong e bile ba boloke dipoelo boemong jwa go di tshamekisa. A re bomme ba ka tsamaisa dikgwebo tse di nonofileng fela jaaka borre.

Mmaborotho wa Masakane o boleletse Naledi gore o ngoka bareki ka go  ba fa ditirelo tsa boleng, go apaya borotho jo bo monate, go apeela fa go leng phepa le go reetsa dikgakololo tsa bone.

A re kgwetlho ke gore bangwe ba a kolota mme ba tsene ka lenga la seloko. A re ka ntlha ya botlhaga le go sa ineela, mo nakong eno o rekisetsa sekole sa sepotlana sa Retlhatloleng borotho le setshaba ka kakaretso. A re ditlhwatlhwa tsa gagwe ke tse di kgonwang ke botlhe ka di simolola ka P1 go ema ka P2. O lebogile banni ba Masakane thata a re o ba mo eme nokeng ka go rotloetsa kgwebo ya gagwe. ‘’Borotho bo ntlodisitse diknoka di tletse, ke tla swa ke bo tlamparetse.’’ Bareki ba ne ba itumetse ba bolela fa ba akola borotho jo bo monate jwa ga ‘K’