Blogs

E ntse ke leo

O tlhokana le go thusiwa mme o sa kope ope go go thusa, o bo o ka kgona  jang? Go nne thata. E re gongwe le fa o ne o ka kgona, o kgone o imetswe. Mme a se ke a felele fela ka kgomo Motswana. A nne a fetele pele a loise Setswana a re, ‘Ngwana o sa leleng o swela tharing.’ Ka ga re bue ka go tshwana, bangwe ba re setlhare, e re go twe tharing, bale ba tseye gore go buiwa ka sethare, go khutshwafaditswe lefoko ‘setharing.’ Re re, nnyaa, ga go buiwe ka sethare, setlhare, go buiwa ka selo se sele fela. Fa o sa itse gore thari ke eng, botsa Thanodi mme e tlaa go raya e re, thari ke letlalo, kana, letsela le go belegwang ngwana ka lone. Fa go twe o swela tharing, go rewa a belegwe ka thari e seng a le mo setharing, setlharing. Ba re, go utlwa seane seo, Mokotedi, jaaka gale, a tseele puo go sele. E re ngwana a lela, a mo gakatse a re, ‘Lela thata nnana o se tloge wa swela tharing.’ Ngwana a tlhwaafale a lele a bo a rate go kgaoga  lolengwana. Ga twe o ne a ntse jalo Mokotedi. A ye le mafoko fela jaaka a utlwa a buiwa.

Jaanong a re mo fete. Fa re gatela pele re re, e rile re ntse re ya le dithota, ra kopana le polelo ke eo e kaya fa e ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong monongwaga, mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, a etela metse ya Diloro le Tamasane, mengwe ya  metse ya Tswapong mo kgaolong ya Legare.

Go ya ka polelo ele, a goroga koo mopalamente, a tshwara phuthego ya kgotla. Eo, ya bo e le nako ya gore, ka go tshaba go swela tharing, bana, e bong morafe, ba ntshe dilelo tsa bone. Ga lelwa, mme go ya ka polelo thata go lelwa ka ditsela, tse di mo gare ga motse.

Potso e re ditsela tseo di fa gare ga motse e le dife. Go kaiwa fa ditsela tse e le tse di kwa dikolong le kwa kokelwaneng mme go tswa kgakala morafe o lela ka tsone. Selelo ka ditsela tse e le eng. Ga twe ditsela tse ga di tsamaege bogolo thata ka nako ya pula.

 Go bonala selelo se, se sa arajwe, se sa arabiwe, ka ke seno se ntse se tsweletse. Mongwe a bo a ka botsa gore mme ditsela tse go lelwa ka tsone di ntse jang? Go ya ka polelo ditsela tse di tlola melatswana e e fa gare ga motse. Fa pula e na, e nele, metsi a nne mantsi a tlale gongwe le gongwe mme bana ba se ke ba kgone go ya sekolong. Batho bangwe le bone ba se ke ba kgone go ya tirong. Go ntse jaana, go se ke go nne monate ka bana ba tlaa fetwa ke dithuto. Bale le bone tiro ya bone e kgoreletsege. Nako nngwe go bo go ka direga gore e re ngwana a sa batle go tlolwa ke dithuto a ipete pelo a re o a tlola mme metsi a mo fenyetse, a fete ka ene. Go nne botlhoko. Go nne thata go amogela gore, se ileng, se a bo se ile. A fetele pele Motswana a re, motho ga se letsopa ga a bopiwe ka diatla. Re utlwa gore, go bona seemo sa ditsela tsele e sone sentle, morafe wa kopa gore melatswana ele, e agelwe metshelakgabo go tle go nne motlhofo go dirisa ditsela tse. Re re, go dirilwe jalo, seo, e bo e le kgatelopelo.

Re utlwa gore, godimo ga go lela ka ditsela tse e seng tsone sentle, kwa Tamasane, selelo gape ya nna gore tsela ya motse oo (Tamasane) le Palapye ga e na matshwao a tsela a a laolang metsamao ya dilokoi mme se se diphatsa. Kopo ya nna gore a ditsela tse di direlwe matshwao a tsela, e nne ditsela sentle. Go sale foo, ga tla selelo sa go bewa ditsha. Ga twe batho bangwe ba ne ba kopile lefatshe fa gare ga Tamasane, Lesenepole le Kgagodi.

Kgang ya nna gore a batho ba metse eo ba buisanye pele. Mme ga direga eng? Fa go sa ntse go eme jalo, lekgotla la kabo ditsha lone la baya kompone ya 123 Dimensios foo le sa rerisanya le morafe. Go araba dilelo tse ga twe Rre Molebatsi o ne a re ditiro dingwe di ka dirwa ka madi a ditlhabololo a dikgaolo e seng go emela go dirwa ke puso.

Re ne ra nna ra tlhodumela Dikgang (Daily News) Hirikgong 28, 2020 mme ra fitlhela polelo e le ya Diloro le Tamasane moo.

Fa godimo fa, re bona lefoko ‘sena.’ Ga twe,‘….. ka go sena…..’ re setse re kile ra supa gore lefoko le fa le kwadilwe jaana, ke lesupi mme e ntse ke leo. Ra re,le supa se se gaufi le mmui, le tshwane fela le lefoko ‘se.’ Fa Pherere a re ‘Selepe sena se bogale’ Digau a re ‘Selepe se se bogale’ mme go tshwane.

Gape ba re, lefoko le, ke letshegetsi le tshegetsa lediri jaaka Digau a ka re, ‘Ke tlaa tsamaya ke sena go ja.’ Fa godimo fale, polelo e bua gore ditsela ga di na metshelakgabo. Jalo he, a polelo e re ‘….ka go se na …’ e seng ‘…go sena.’