Naledi

Basadi ba lora ba palama AT&T Monnakgotla

Basadi ba aja monate wa kgwele ya dinao
 
Basadi ba aja monate wa kgwele ya dinao

Selelo ke se se botlhoko thata ka ditlhopha tse di loma ka meno go tshameka mo diliking tsa bone ka go pateletsa gore bagolwane ba tsone ba tsenye mabogo mo dipateng go tsamaisa ditlhopha tse.

Ditlhopha tse tsa basadi tsa kgwele ya dinao fa di le mo lebaleng di lwa ntwa e e thata,  bogolo jang fa go kopane tse ditona jaaka Double Action, Meat Girls, Township Rollers, Vicomates, Kanye Swallow le Oodi United mo go seng ope yo o ka akanyang gore ga di na barotloetsi. Morago ga go tlhoka thotloetso ya madi  le dithoto dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ka AT&T e ne ya emisa se, batshameki bangwe ba re tota Mme Talita Monnakgotla o ne a supa lerato la motsadi ka go ba ema nokeng ka madi gore ba kgone go tshameka ba itse fa e tla a re liki e wela ba bo ba ka bona sengwe go ka reka melora go tlhatswa paka e e tshamekang le gone go tsamaisa ditiro tse dingwe.

Mokatisi wa pele wa setlhopha sa Kanye Swallows, a re le fa bangwe ba ne bas a bone sentle botlhokwa jwa thotloetso go tswa kwa AT&T Monnakgotla, ene o dumela gore kompone e, bogolo jang mong way one Mme Talita Monnakgotla o ne a dira go utlwala go thusa liki e ya basadi, gammogo le ditlhopha tsa yone. A re le gompieno ditlhopha tsotlhe tsa liki ya basadi tse di tshakekileng mo liking ya AT&T Monnakgotla di santse di drisa paka e e kwadilweng leina la kompone e. A re se ke sesupo sa gore fa AT&T Monnakgotla e ne e sa ba tswa matshidiso, gongwe dingwe ditlhopha di ka bo di sena paka gotlhelele ka ntlha ya letlhoko la madi, a re ene le fa e ka re a ntse a robetse a utlwa gotwe AT&T e boetse gape go thusa liki ya basadi o ka itumela thata, bogolo jang ka nako ya yone e ne ya diragatsa ditsholofetso le ditumalano tsotlhe.