Blogs

Fa re kwala jalo ke leina

Potso e ka nna gore, kwa ntle ga gore mo ganong e monate, sukiri e thusa mmele wa motho jang? Ga twe sukiri e fa mmele maatla le nonofo. Gape, e thusa boboko le madi go bereka sentle. Ba re, gore boboko bo bereke sentle, bo tshwanetse jwa bo bo na le thojana ya sukiri.

Go ntse go ntse jalo, re tlhagisiwa gore, a e se re re e ja sukiri, ra okiwa fela ke monate wa yone, ra a ja thata. Ga twe re je mme re lekanyetsa; ke gore re se je mo go feteletseng. Go bolelwa fa go ja sukiri thata e ka re kwa morago ga tsosetsa mmele malwetse mangwe.

Mme go tila go tsenwa ke malwetse a, ke gore re fokotse go ja sukiri. Go bolelwa fa go fokotsa go ja sukiri thata go ka thusa go thibela go nona mo go feteletseng. Godimo ga moo, go ka thusa go thibela malwetse a meno le marinini.

Mongwe o ka re, mme kana sukiri e monate, e bile re e ja mo dilong tse dintsi. A re, re ja dimonamone, ke sukiri, re nwa tee ke sukiri, re nwa mo gongwe gape, e ntse ke sukiri. Jaanong re dire jang? A ke re se je sukiri? Nnya, ga go twe re se ka ra a ja. Jaaka re setse re buile, molato ke gore, fa re e ja mo go feteletseng, re biletsa mebele ya rona makoa mangwe.

Ba re sukiri e ntsi mo mmeleng, e ka felela e koafatsa sebete le santlhoko/santlhokwe. Ga twe e ka  fetoga mahura, motho a buduloga, a nona thata. Mahura a, a ka imela sebete mme sa felela se palelwa ke go dira tiro ya sone sentle. Gone fa, bokoa bo bo bo tsenye.

Mo go ba bangwe, bokoa bo, bo se ke bo tlhole bo boela kwa morago. Mmele o koafalele ruri. Jaaka re setse re buile, ga twe go leka go tila malwetse a, ke gore re lekanyetse go ja sukiri.

Go ntse jalo ka dijo tsotlhe. Re tshwanetse go ja re lekanyetsa. Re itse gore, fa e ka re re e ja, ra a ja mo go feteeltseng, e ka re kwa morago dijo tse, ka tsela nngwe, tsa se ka tsa re tsaya sentle. Mongwe o ka lala a tsenywe ke mala, yo mongwe a tsenwa ke mogosane, yo mongwe fale a lala a khidiega, mpa e timpetse. Mme godimo ga moo, go jela thata ruri e ka re kgabagare ga tlisa mangwe a malwetse a a bolelwang a. Fa e ntse e tla e bua ka ditlamorago tsa go ja sukiri e ntsi, Naledi (Mopitlo 23, 2016) ya re;

‘Le fa gontse jalo, sukiri e tshwanetse ya jewa ka selekanyetso se se rileng mme go sa dira jalo go ka baka ditlamorago tse di maswe tsa malwetse.’

E gakolola jalo Naledi.  Ya re, re je sukiri mme re lekanyetse. Mo temaneng e re e nopotseng e, go na le lefoko ‘gontse.’  Ga twe ‘Le fa gontse jalo …..’

Naledi (Mopitlo 23) e boa e dirisa lefoko le gape mo polelong e nngwe ya setlhogo se se reng, ‘A AIDS e re fentse?’ e ntse e le kwala ka go tshwana.

Kgang ya rona gompieno e gone fa. Potso ke gore, a lefoko ‘gontse,’ le kwalwa jaaka Naledi e le kwadile?  Mmualebe a re, ga le a tshwanela go kwalwa jalo. Gape, ga se Naledi fela e le kwalang jalo. Ba bangwe le bone ba a tle ba kwale jaaka e kwala.

Naledi e dirisitse lefoko le, e le legokedi, e seng leina. Legokedi ke lefoko le le gokaganyang/tshwaraganyang diele.  A re tseye sekai re re, Remmogo o batla go ya tirong mme pula e a na.  E ka re fa Remmogo a tswa ka kgoro a re,’ Pula e a na, le fa go ntse jalo, ke a tsamaya.’ Diele fa ke ‘Pula e a na’ le ‘Ke a tsamaya’ mme di gokaganngwa ke ‘le fa go ntse jalo.’ Ela tlhoko gore, sekai sa rona se kgaogantse lefoko ‘gontse’ sa le dira mafoko a mabedi, e leng  ‘go ntse.’

Fa le dirisiwa e le legokedi kana lediri, lefoko le, le tshwanetse go kwalwa le kgaoganye. Fa re le tshwaraganya, re re ‘gontse,’  foo re kwala leina, e seng legokedi. Go tshwane fela le fa e ka re boemong jwa ‘O ntse fa fatshe’ le ‘Ke ntse fa fatshe,’ e le madiri, re bo re kwala ‘Ontse’ ‘Kentse.’ Go kwala jaana re tlaa bo re kwala maina e seng madiri. A re nne re ele tlhoko gore re kwala jang.

motshwanes@yahoo.com