Blogs

Wena o le bona jang?

Jaanong re itse gore fatshe leno ke la temo thuo; la balemi-barui. Ka ga di sise ka go tshwana, bangwe balemi-barui ba gatele pele, ba tswelele sentle, ba bangwe bone ba salele morago. Go bona go ntse jaana, go nne le megopolo e e farologanyeng ya go leka go thusa balemi-barui go emela tiro ya bone ka dinao ba e dira ba tiisitse. Motswaiso o kgotediwe gore o tuke thata molele o nne bogale. Motswaiso e le eng? E le balemi-barui. Molelo one e le eng? Seo, e le tiro ya bone ya temo thuo. Mme re bona motswaiso oo, o kgotediwa jang?

Go tlhatlosa balemi-barui, Lephata la Temothuo le ne la tla ka mogopolo wa go gasa dithulaganyo tse di farologanyeng tsa temo-thuo ka Seromamowa (RB1). Ga tla Pitso ya Balemi, Molemi Ithute le Thibang Diphatlha, kana, diphotlha jaaka bangwe ba bua. Dithulaganyo tse di tla ka malatsi a a farologanyeng mme maikaelelo a tsone tsotlhe ke go ruta balemi-barui le go ba fa maele ka tsa temo thuo. Mme go se ke go felele fa. Se, e nne mmilana fela wa go bula tsela ya go fetela pele.

Godimo ga tsotlhe tsa go leka go tlhatlosa balemi-barui, ngwaga le ngwaga, dikgaolo tsa fatshe leno, le mafelo a tsone ka go farologana, di tshware ditshupo tsa temo thuo. Ditshupo tse, e nne dikgaisanyo tsa gore molemi, morui, yo o dirileng bontle thata go gaisa ba bangwe ke ofe. Mme ene yoo, a fiwe seetsele, e le go mo tiisa moko gore a nne a tshware ka thata. Gape, ditshupo tse e nne sebaka sa gore balemi-barui bale ba ba kwa tlase, ba tseye malebela, ba ithute mo go ba ba setseng ba gatetse pele fela jaaka Motswana a re, dilo makwati di kwatobolodiwa mo go ba bangwe. Ka one maiteko a, bangwe ba gatele pele, tiro ya bone e tswe tema.

Gompieno re utlwa gore, e ne ya re ngogola ka kgwedi ya Ngwanatsele ga tshwara kabo dietsele ya ditshupo tsa temo-thuo kwa Kgatleng. Polelo nngwe ke eo, e rile re ntse re anapa ra kopana nayo mme e kaya fa ditshupo tsone di ne di tshwerwe ka kgwedi ya Phatwe ngogola. Jaaka go a tle go nne go direge, bangwe ba atlega, ba fenya mme ba bangwe ga ganana, ba itswela fela. Mme go bonala gore, ka mabaka mangwe, tiro ya se ka ya dirwa yotlhe gone foo ya wela. Tema ya lala ka go ne ga se ka ga abiwa dietsele.

Re utlwa gore, morago ga kgwedi tse pedi, ka Ngwanatsele, ga tla letsatsi la gore bale ba ba neng ba fentse, ba bone mofufutso wa phatla, ba abelwa dietsele. Dietsele tse di kaiwa di ne di kgaogantswe ka maemo a mane; go le tsa bommampodi, maemo a ntlha, a bobedi, le a boraro. Re re, se se supa fa ruri ditshupo tsele di ne di tiile, di le mashetla.

Re utlwa gore tsa abiwa dietsele mme bangwe ba bafenyi  ba ba kwa godimo, bommampodi , ba gapa megala ya letheka fa ba bangwe bone ba ne ba gapa  diunitsi. Polelo e kaya fa botlhe , ka ntlha tsotlhe, temo le leruo, e ne e le basadi ba le bane le monna a le mongwe, Rre Clement Boitshwarelo. Re hakgamalele gore go ne go diregile jang ka ga twe, ga di ke di etelelwa ke manamagadi pele. Re re, a  kgotsa ke gone gore metlha e tsile.

Re ntse re okometse Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 29 2020 mme re fitlhela polelo e ya kabo dietsele tsa ditshupo tsa Kgatleng moo. Fa e bua ka Kgosi Sekai yo e reng  o ne a kgothatsa  ba ba sa fenyang gore ba se itsape, polelo ya re;

‘…..Kgosi Bana Sekai yo eleng gape morotloetsi mogolo wa ditshupo tse o …..`

Re re  fa, godimo fa go lefoko `eleng` Re botse gore wena o bona  jang ? A o bona lefoko le,le siame, kgotsa le sa siama ? O re le siame, kgotsa ga le a siama, re re tlhalosa gore ke eng o rialo. Rona re re, lefoko le ga le a siama ka ga le a kwalwa sentle. A re re basimane ba ya go gama mme ba dumalana gore pele ba game e tlhabana, Diabapalwa. Jaanong fa ba tsena kwa Kgagana o fesa e tshetlhana, Mpaatsele. Go bona Mpaatsela rokotsa, Kgabala a re `Nnyaa, ke rile re simolole ka e tlhabana, e leng Diabapalwa, e seng e tshetlhana`.

Fa, o tlaa bona gore lefoko `e  leng`  le tshwana le mafoko mangwe a re tle re re, a mafoko mabedi, mme bobedi joo bo dira lefoko le le lengwe, jaaka “e bile,” “e rile”. Jalo he, polelo e tshwanetse gore e re `......yo e leng …………….`e seng ` yo eleng`. Re wele re re, a mafoko a go nna jaana a elwetlhoko, a kwalwe sentle, re se a itspele.