Blogs

A re sedikologe

Ya na, lefatshe la utlwa, la koloba, dinwelo tsa tlala. Dingwe ya re le fa di sa tlale, gone mme tsa gatlha. Ra itumela ra bona gore Morena o re gopotse.

Eo, e ne e le pula ya kgwedi eno. Mme jaaka re itse, ga se gore pula yotlhe e na jalo. Go na le pula e e a reng e na, e tle ka diphefo tse di bogale.  E re pula e, e se na go feta, batho bangwe ba lele, e ba senyeditse thata; e rutlolotse matlo, mangwe e a digile.

Bangwe ba tlhoke le gone fa ba latsang tlhogo teng tota. Go utlwala fa e rile ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole, pula ya go nna jaana, ya na kwa Thamaga le Gabane. A Kumakwane yone e ne ya mo feta fa kae, ga re itse.

Ga twe kwa Thamaga malwapa a le marataro a ne a amiwa ke pula e. Ga go utlwale sentle gore malwapa a, a ne a amega jang. Mme re belaela gore matlo mangwe a ne a rutlologa, kana a wa. Ga twe mo malwapeng a marataro a, a le mabedi a ne a thusiwa ka ditante, fa a le mane one a ne a thusiwa ka ditante le dijo.  Go raya gore mo malwapeng a, seemo se ne se le maswe, batho ba se na dijo, ba se na fa ba robalang teng.

Jaaka re setse re utlwile, pula e, ya se ka ya felela fela mo Thamaga. Ga twe ya feta ya leba Gabane mme le gone koo ya lere bohutsana. Go bolelwa fa koo, e ne ya rutlolola matlo a le mabedi, a e rileng morago, beng ba one ba thusiwa ka ditante. Matlo a, e ne e se one fela a a amegileng. Pego ya re, matlo a ferabongwe a ne a amega. Gore a mangwe ale a ne a thusiwa jang, ga go bolelwe. 

Re ka tsaya fela gore, malwapa a, a ne a senyegetswe mme gongwe e se mo go kalo kgotsa ka tsela nngwe, beng ba one ba sa tlhoke go thusiwa.

Godimo ga moo, ga twe mosadi mongwe a re diphefo di ne tsa rutlolola ntlo ya gagwe mme dilwana mo tlung tsa se ka tsa senyega, fa e se go koloba fela. A segofala a latlhegelwa ke ntlo fela, e seng go latlhegelwa ke ntlo le dilwana.

Ba a tle ba re ntwa e bolotse. Go bonala fa ka malatsi ao, e ne e bolotse tota ka pula ga e a felela fela mo Thamaga le Gabane. Gape, ga go na gope fa e fetileng teng e sa senye. Pego ya re, kwa Maphakane, gaufi le Gabane, e ne ya diga ntlo. Ntlo ya wela ba ba neng ba robetse mo go yone. Go ya ka pego, batho ba e ne e le bagolo ba le babedi le bana ba le bararo. Go bolelwa fa bana ba ne ba felela ba isiwa kokelong fa bagolo bone go bonala ba ne ba ikoka mo gae.

Fa e ntse e tla e bega ka pula ele ya Thamaga le Gabane, Dikgang/Daily News (Dikgang Labotlhano Sedimonthole 26 2015) ya re;

‘Molaodi o ne a tlhalosa gore kwa Gabane pula e ne le ka Labotlhano mme ya baka tshenyo mo malwapeng a ferabongwe.’

Ga twe pula e ne ya baka tshenyo. ‘Go baka tshenyo’ ke lone lefoko le gompieno re tlaa buang ka lone. Lefoko le, le dirisitswe gararo mo pegong ele ya pula ya Thamaga le Gabane. Ga re re go molato go dirisa lefoko le. Mme fela, mongwe o ka botsa gore, a go bua re re go baka tshenyo ga se go dikologa? Ka go buiwa ka go senya, ke eng go sa tlhamalalwe fela ga twe, pula e ne ya senya, go na le gore, go twe, e ne ya baka tshenyo? Golo gongwe pego ya re, pula e ne ya baka tshenyo mo lwapeng lengwe mme ntlo ya gosomana. Se se buiwang fa ke gore pula e ne ya senya ya diga ntlo.

A jaanong go tlhokafala gore re dikologe re re pula e ne ya baka tshenyo, ntlo ya gosomana? Ke eng re sa tlhamalale fela ra re, pula e ne ya diga ntlo, ra tlogela go ya kwa le kwa.  La ga Mmualebe gompieno ke gore, a e re re kwala, re bua, re khutshwafale. A re se dikologe, ra kgabisa se re se buang, ka mafoko a a sa tlhokafaleng.

Ba a tle ba re Mmualebe o batla go laolela batho gore ba bue jang, ba kwale jang. Nnyaa. Mmualebe ga a rialo. Mmualebe o a bo a bua ka se a bonang se kwadilwe, mme a leka go supa gore, ka fa a bonang ka teng, se ne se ka kwalwa botoka jang. A re utlwe ka koo.

motshwanes@yahoo.com