Amogela gore o tshela le mogare wa HIV
Correspondent | Wednesday March 30, 2016 16:34
Seemo se, se ka digela maikutlo a molwetsi kwa tlase go na le ka fa a neng a solofetse kemonokeng ka teng mme kgabagare a kgone go ikamogela.
Dingwe tsa dikgakololo tse molwetsi wa HIV a di fiwang ke go mo kgothatsa go lopa ba lowapa la gagwe kana losika go mo ema nokeng ka dikgakololo dipe fela tsa go thusa go ikamogela le bone go mo amogele gore a kgone a itepatepanye le ditlamorago tsa go tshela le mogare ga mmogo le kalafi e a e fiwang ya ditiribatsi tsa di ARV.
Tshidilo maikutlo e kwa setlhoeng sa tsotlhe mme e atolosetswa gape kwa go ba lolwapa le masika gore ba seka ba iphitlhela ba mo kgoba kana ba mo kgethololwa.
Wena o le mmadi wa A Kgotla, a o kile wa kgobiwa ka mafoko a bolwetse jo o tshelwang le bone? Ke batla go dumalana nao gore go bokete thata fa go kile ga go diragalela, mme kana itse gore tse di molemo tsotlhe di tswa mo go tse di bosula.
Bo molemo bo bofeketsa bosula, ka jalo dirisa go kgethololwa mo jaaka lentswe go tshela noka mme o feletse o ikamogela le go amogele ba bangwe. Fa o tsena fa nokeng o fitlhela e tletse, mme o bona lentswe, o a le gata ka tshepho, o itse gore ga gona lentswe lepe le le atleng le kokobale fa godimo ga metsi.
Le gone kgethelolwa, kgotsa go nyenyafadiwa ke bangwe ka wena, go dirise, ikage ka gone. Fa mongwe a go kgetholola, wena ikamogele o bo o itshephe. Itse gore go kgethololwa ke bangwe go gonnye thata fa go tshwantshanngwa le fa wena o ikgoba.
Go le gantsi e a re re sena go loma ba re ba tshephang tsebe gore re itlhatlhobetse mogare wa HIV e bile re fitlhetswe ka mogare, ba re kgetholole le go re kgoba.
Bangwe ba ka dira jalo ka mafoko a lekgobo ba tlhalosa mo sephiring, a ke tshela kana tshebo, ba re ga bana kamano le rona, bangwe ba dira jalo ka boitsholo jwa bone fa ba dirisana le rona mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi. Menyenyo e e tlwaelesegileng e ngokele, ele e e patelediwang, madume a ngotlege, diatla tsa tumediso le tso di phuthelwe mme go sale lebole la seatla ka tumediso. Bangwe ba dirisa go atlana ka magetla go na el seatla.
Mongwe le mongwe o nale boikarabelo mo ditshwetsong tse a di tsayang mme ga gona ope yo o ka tsaya boikarabelo jwa se wena o batlang go se dira. Nna Onnie Phuthe, fa e sale ke itlhatlhobela mogare wa HIV ke bo ke fitlhelwa ka one, ga gona letsatsi lepe le ke kileng ka ipha letsapa la pelo fa mongwe a sa nkamogele kgotsa a nkgetholola.
Mabaka a me ke gore, ga ke laole maikutlo a ba bangwe fa e se ame fela, gape ga gona ope yo o ka patelediwa gore a nne le pelo ya setho mo go nna.
Kana go amogelana ke sesupo sa gore o a bo a sa tshege yo o o leng mareledi a sale pele. Godimo ga moo, o a bo o jwala peo ya go amogelwa fa o amogela ba bangwe ka diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone.
Ke phoso e tona le sebe fa motho a kgethololwa, mme fa yo o itatolwang ene a sa ikamogele e nna sera segolo mo go ene. Tsaya kgato gompieno o ikamogele mo go tsotlhe, o dirise se se bonwang ke ba bangwe e le sekgoreletsi jaaka lentswe, o tshele noka ya botshelo; ka na botshelo bone bo boleele thata.
Mme go santse go na le bangwe ba ba ikgobang kana ba iphitlha ka motsikiri mabapi le mogare wa HIV fa bangwe ba tsweletse ka go sebaseba ba bangwe ka diemo tsa bone tsa go tshela le mogare.
Bone bao, ke bone ba ba feletsang ba tshelela mo poitshegong mme wena yo o ikamoghetseng o tshela botoka fela thata ka seemo sa mogare wa gago wa HIV le go sala ditaelo tsa ba bongaka tsa gonwa diritibatsi. A kalo a A Kgotla beke e no mme a re ikamogeleng.