Naledi

A AIDS e re fentse?

 

Bosheng jaana, ditoropo di tshwana le Jwaneng, Fransictown, Selibi Phikwe, e tota e tswang kgakala e digoga ko pele ka dipalo tsa kanamo ya mogare, di supa fa dipalo tsa kanamo ya mogare wa HIV mo bananeng di  sa fokotsege.

Naledi e sekaseka seemo se le mabaka mangwe a akatswang a kgoba marapo banaleseabe mo go lwantsheng HIV le AIDS. Babegadikgang ba Naledi Zolani Kraai le Leah Mataboge ba tlhodumela seemo mo bogompienong go na le maloba dingwe dile tlhano tse di fitileng.

Pego e Naledi e tsibosang Mmadi wa Naledi ka yone, ke ya Global AIDS Response, e ka yone e kanokang kgatelopele ya ka fa lefatshe la Botswana le dirang ka teng mo ntweng kgatlhanong le HIV le AIDS. Pego e dirisa dipalo tsa ngwaga wa 2014 tse dineng di nopolwa kwa makalaneng a a farologaneng a twantsho AIDS moo Botswana.

Pele kwa setlhogong sa dipatlisiso mo sechabeng ka kakaretso, ke ka seemo sa malwetsi a thobalano a a farologaneng ka ngwaga wa 2015.  Go kala kgatelopele mabapi le se, dipatlisio tsa BAIS tsa ngwaga wa 2013 di senotse ka fa mogare o re tsenang ka teng le ka fa o amileng Batswana ka teng. Pego e, e supa fa lefatshe la Botswana le na le palo ya batho ba ba tsenwang ke mogare bale bane ka letsatsi.

Le fa gontse jalo, go supagala fa jaanong banana ba ba dingwaga tse di lesome le borabobedi go ya kwa go dimo, ele bone ba ba amiwang ke mogare thata malatsi ano. Se supa fa go nnile le kgolo gona le ngwaga wa 2008, fa seemo sene sele lesome le bosupa mo lekgolong la batho, le lesome le bosupa le borao ka ngwaga wa 2003, go ya BAIS 11.

E re lefa gontse jalo, dipalo  tse di farologanngwa ke bong jwa banana ba basimane le basetsana, ka go supa fa basetsana ba le mo selekanong sa lesome le borobabongwe le bobedi, ele kgolo, fa basimane bale kwa go lesome le bone. Se supa fa dipalo di supa phokotsego ka bong mme le fa gontse jalo go tlhafala gore go dirwe go fitisa fa go atolosa thata mananeo a thibelo mogare, gore kgabagare maiteko a go lwantsha malwetsi a thobalo mo Botswana.