Blogs

A sa utlweng wa batsadi o�

Fa a okomela, a fitlhela naga e ntse kgologolo. Ka bofefo, a boela ka kwa mahuri, kwa batho ba neng ba ntse teng fa tlase ga motlopi.

E ne e le tlwaelo kwa ga Mma Mmei gore, moso le moso, morago ga go fitlhola, go hudugelwe ka kwa mahuri gore e re letsatsi le tlhatloga, go tshabelwe mogote mo setlhareng se. E ne e a re letsatsi la selemo le gaketse, go se ke go nne le ope yo o batlang go tswa fa go sone, ka se ne se le moriti o monate thata.

Fa a ise a goroge kwa go bone, molaetsa wa bo o setse o bonetse mo matlhong a gagwe. Botlhe ba botsa ka nako e le nngwefela ba re, ‘A ga o a fitlhela ope?’

‘Ga a yo. Le fa e le go robala, ga go bonale a kile a robala. Dikobo tsa gagwe di ntse di papametse fela.’ Ga araba Mhati.

Go utlwa mafoko a, Mma Mmei a ya kwa tlung go ya go iponela. Fa a re matlho leba, dikobo tsa re, o ne o mmeile fa kae? A ema a itshwara letheka a re, ‘ A ngwana yo o a bo a simolotse re ne re re o latlhile? A ko lo lebeng fa fatshe, gongwe lo ka bona kwa setlhako sa gagwe se tswelang teng.’

Ga batliwa mme ga se ka ga bonala ope motlhala. E ne e rile bo lebile go sa, maru a edisa dinogana mme a timetsa metlhala yotlhe e e ka bong e ne e bonala fa fatshe. Fa ba sa bone sepe, ba ya le malwapa otlhe a Radibatana a neng a tle a tsene mo go one go botsa gore a ga ba ise ba mmone. Botlhe ba latola. Letsatsi la boraro la tlhaba la ba la wela Radibatana a ntse a ile.

Mosong oo, Rra Mmei o ne a tsogetse kwa motlhabeng go ya go tsoma. O tlhotse letsatsi lotlhe koo a sa bone sepe. Fa e kete o tlaa itlhoboga, a tlhatswiwa diatla ka phuti. Fa a le mo tseleng, a boela gae, a bona kgaka, a e khwanya ka molangwana. O boetse gae pelo e le tshweu, a itse gore bana ba tlaa lala ba nole metsi.

E ne e rile letsatsi lele fa go robalwa, Radibatana a ngwangwaela a tswa ka kgoro. Fa a fologa motlhaba wa Maope, a leba Mahibitswane. A tsena koo, a feta a soba le tsala ya gagwe Diope. Fa bo lebile go sa, ba wela tsela ba leba Molepolole. Ba gorogile koo go sale moso mme ba leba kwa boemelong jwa dibese. Ka lesego, ba kopana le nngwe e setse e emelela. Ba itatlhela mo go yone. Go bona e tsubaletse, e tswa ka motse, pelo tsa nna di tshweu. Basimane ba itumela, ba re tsele tsa legonono ba di tlogetse, tsa bone ke tse ba di latelang.

Ka mosepele o ne o sale o rulagantswe, fa ba goroga kwa Gaborone Bus Station, ba  kgatlhantshiwa ke tsala ya bone Ficks. A ba tsaya a ba isa kwa a nnang teng kwa go neng go bidiwa Logaga. Fa ba tsena koo ba fitlhela yo mongwe a bidiwa Flute.

Moso mongwe ke oo, basimane ba tswa jaaka gale mme ba leba Molapo Crossing. Ba feta ba nna ba di okomela dikoloi. Fa ba ntse ba ya natso, mosadi mongwe a tla ka Volvo S.5. A ema, a tswa mo go yone a tshotse kgetsanyana ya sesadi (handbag). A bo a setse a e bonye Radibatana, yo jaanong a neng a bidiwa Rd. A e tsubula go gaisa le sone segodi se phamola kokwana. Fa mosadi a hakgamala, ke a ile Rd, a lebile go ya go tlola tsela. Fa a re a ke tlole, koloi ke eo e tshweu ya tswa ntlheng ya borwa, e tla e gagasela.

Ya mo phamola ya mo latlhedla kwa 4.5. Fa a re pha fa fatshe, ke e le gone gotlhe. O gokoletswe foo go se motho mo go ene. Bale ba le kae, ba ka ema? A tsewa a isiwa kokelong mme dingaka tsa netefatsa fa a sale a fedile.

Molaetsa wa gore Radibatana o tlhokafetse, le gore loso lwa gagwe lo tsile jang, wa goroga kwa gae. Bohutsana jwa nna bogolo. Mme go ka tweng? Batsadi ba itlhoboga ba ya go tsaya setopo go tla go se boloka. Le fa dipelo di ne di le botlhoko, ba bolela fa botshelo jwa ngwana wa bone bo sale bo supile fa a tlaa felela nageng. Ba re, ngwana yo, o ne a baba lonao, a se na tsebe, e bile a le dinalanyana. Ba re loso lwa gagwe lo supa sentle gore, ngwana a sa utlweng molao wa batsadi, o tlaa utlwa wa manong.

 motshwanes@yaqhoo.com