Naledi

Maikutlo a Batswana ka diARV

Go ya ka Mokwaledimogolo wa Lephata la Botsogo, Mme Shenaaz El Halabi, a re mabaka a go tlogela kalafi a farologane. El Halabi o tlhalositse fa mo dipalong tse di leng teng, batho ba ba nang leng mogare wa HIV ba le 23 959 ba tlhokafetse mo sebakeng sa dingwaga tse tlhano.

A re mabaka mangwe ke go iphitla ka motsikiri, se ele lekgobo le kgethololo le go sa ikamogeleng, go nwa nnotagi phetelela, go tswelela ka thobalano e e sa sireletsegang ya batho ba ba tshelang le mogare.

Monki Molefe, mogwebi wa dijo tsa setswana kwa marekisetsong a magolo a Gaborone (main mall) a re se se bakwa ke gore batho ga ba nne pelo telele ka go nwa dipilisi. A re bangwe  ba emisa gonwa dipilisi mo nakong e eseng kalo ka tumelo ya gore diritibatsi di ba fodisitse. Molefe a re batho ba tshwanetse ba tswelela ka go lemoga fa dipilsi tse di ritibatsa mogare mme ele gore o santse ole mo mmeleng, mme masole a mmele a runye go supa botshelo jo bo botoka.

Molefe a re diARV ke pilisi fela jaaka melemo e mengwe mme go a swabisa gore banana ba bo ba di nwa ba di kopanya le bojalwa, selo se a reng ga se a siama gotlhelele. A re batho ba bangwe ba dinwa ba tsaya melemo ya setso mme go dira jalo go ka dira gore diARV di seka tsa bereka. A re fa motho a tsaya dipilsi tse, a di nwe ka nako e e tshwanetseng nako tsotlhe. 

Mogwebi yo a re ka a rekisa merogo, o rotloetsa batho ba batshelang le mogare wa HIV go itlhokomela, ka go ja dijo tse di naleng dikotla jaaka  merogo, maungo gape ba fokotse mafura mo dijong.

Batswana bangwe ba dumalane le se Molefhe a se buang bare tota mo diemong tsa malatsi ano, bontsi jwa banana ba tlogela dipilisi ka ba rata menate , selo se bareng se baka gore motho a lebale go tsaya dipilisi ka nako.