Mosadi wa motswakwa o sekela motokwane
Lebogang Baingapi | Wednesday March 16, 2016 15:49
Mo tshekong e, Chulugu o ne a palelwa ke go ntsha mabaka a a nonofileng a go ka ngoka Makaseterata Keakantse go mo letlelela go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. O ne a tshwanelwa ke go fufula le go lokolola loleme lwa gagwe go ka leka go ganetsana le mabaka a motlhotlhomisi wa puso, Sergent Shadrack Moatswi, wa sepodisi se eseng sa seaparo sa Botswana.
Moatswi o ne a bolelela lekgotla fa mosekisiwa a sa tshephagale ka a sena bonno ebile ele motswakwa mme a nna ka go sia. O ne a tswelela ka go tlhalosetsa lekgotla fa setlhatshana se santse se isitswe go tlhatlhojwa gore a ke motokwane le go tsaya bokete jwa sone.
“Rre yo gaa ise a mpotse gore ke nna le mang mo Botswana ebile ga ke a feta ka motokwane o kwa molelwaneng. Ke o tsere mo Botswana”, a leka jalo go inanatha, Chulugu, pele ga makaseterata a mo gakolola gore a lese go itsenya mo molatong ka jaana tsheko e ise e simologe.
Chulugu o ne a kopa go fiwa sebaka sa go ipatlela mmueledi le go letela tsheko kwa ntle, a supa fa a na le bokoa ebile a tlogetse ngwana yo o dingwaga di thataro kwa Zimbabwe, ka tshepho ya gore o tlaa boela gagabo.
Mmakaseterata Keakantse o ne a gana kopo ya mosekisiwa mme a laela gore a dise poo, go fa ba bosekisi nako ya go konetelela ditlhotlhomiso. Mme le fa go ntse jalo, o ne a gakolola ba bosekisi gore ba tshwanetse go nna ba fetsa ditlhotlhomiso pele ga ba ka tlisa mosekisiwa fa pele ga lekgotla. O ne gape a tlatsa ka gore ditlhotlhomiso di fefosiwe gore mosekisiwa a seka a bewa ka fa mosing ka mabaka a tiego ya bosekisi.