Blogs

A ke Setswana?

Go utlwala fa e rile ngwaga o o fetileng, ga nna le selelo sa gore, le fa gone puso e leka ka natla go thusa Batswana, mo motseng o, go na le dilo dingwe tse di gogelang maiteko a puso kwa morago.

Dilo tse ke eng?  Ga twe dilo tse ke malwetse a loruo, bogodu jwa loruo, leuba, le gore, ba ba rekang, le ba ba rekisetsang ba bangwe, ba diegelwa go duelwa; ga ba duelwe ka nako.

Gongwe o tlaa botsa gore, a nyeletso lehuma e na le tse e di rekang, le tse e di rekisang?  A e na le ba ba rekang le ba ba rekisang? Ee, go ntse jalo. Ka lone lenaneo le tota le bidiwang nyeletso lehuma, puso e thusa Batswana ka go ba rekela loruo mo go ba bangwe.

Motho a namolwe lehuma ka go rekelwa loruo, yo mongwe a namolwe ka gore go rekiwe mo go ene. Jalo he, go na le bareki le ba ba rekisang.

Nako nngwe go a tle go direge gore, e re motho a solofetse go thusiwa, go twe madi ga a yo, a name a letile. Motho a lete a bo a lape. Yo mongwe e re go twe a lete jaana, e bo e le yo go neng go rekwa mo go ene, go setse go tserwe loruo lwa gagwe. Go tserwe dipodi, kgotsa dikgomo, di neetswe yo a neng a rekelwa.

Potso e nne gore, yo ene o sala a dira jang, o inamola lehuma ka eng. Go bonala seemo sa go nna jaana, e le sone se go neng go lelwa ka sone kwa Machaneng. Ga twe ka jaanong mananeo a nyeletso lehuma koo, ke ao ga a ise a tlhomame sentle, le ditiro tsa nnete ga di yo, bontsi jwa batho bo itshetse mo Ipelegeng.

Jaanong fa seemo se ntse jaana, go bo go ka dirwa eng? Go bolelwa fa komiti ya ditlhabolo tsa motse e ne ya dumalana go batla ditsela tsa go tokafatrsa seemo se. Fa e bega ka fa komiti e e neng ya buisanya ka teng, le ka fa modulasetilo wa yone a neng a tlatsa mafoko a leloko lengwe ka teng,  Dikgang/Daily News (Labotlhano Sedimonthole 09, 2015) ya re;

É rile a mo tlatsa, modulasetilo.....a re bone e le komiti.....ba ikaelela go tokafatsa seemo se.’

Ke mafoko a ga modulasetilo; o batla go tokafatsa seemo.

Mo go ‘modulasetilo,’ go na le lefoko ‘dula.’ Re le Batswana, ga re dirise lefoko ‘dula’thata. Lefoko le, le dirisiwa fela fa go buiwa ka moeteledi pele wa lekgotla lengwe kana mokgatlho mongwe, go twe motho yoo, ke modulasetilo.

Gone fa, bangwe ba botse gore, ka re dirisa lefoko ‘nna,’ re re, motho o nna setilo, o nna fa fatshe, ke eng modulasetilo, a sa bidiwe monnasetilo; ke gore, motho yo o nnang setilo.  Ba bangwe ba botse gore, a lefoko ‘dula,’ ke Setswana. Ba re, fa go twe modulasetilo, a go buiwa sentle? Go ntse go ntse jalo, ka lefoko le le dirisiwa thata ke Basotho, ba bangwe ba re, ‘dula,’ ga se Setswana, ke Sesotho.

Gompieno potso ke yone eo, gore, a ’dula’’ke Setswana kgotsa nnyaa? Go araba potso e, a re utlwe gore Thanodi ya Setswana ya reng. Thanodi e tlhalosa lefoko ‘dula e re, ‘baya marago le maoto fa fatshe kana mo sengweng, nna.’ E tlatse ka go tlhalosa ‘nna’ e re, ‘baya marago fa fatshe kana mo setilong.’

Ka fa Thanodi e buang ka teng, ‘dula’ le ‘nna,’ ke mafoko a a tshwanang, a a rayang selo se le sengwefela. Mo go raya gore, fa re re motho ke modulasetilo, ga re fapoge Setswana gope, re bua sentle. Jaaka bangwe ba bua, motho yo gape o ka bidiwa monnasetilo, le gone ga siama fela. A re supe gore, lefoko ‘dula,’ ke lengwe la mafoko a Setswana sa maloba, a a sa tlholeng a dirisiwa thata. Pina nngwe ya re;

‘Tlan re een,a  re een ka dipako’

Re leben lehatshing ya phatsimo;

 Me Yessu Morapeledi oa rona,

O tla re naya tulo tsa go dula;

Fa re ne re kwala Setswana sa gompieno, lefoko ‘tulo’mo pineng e, e ne e tlaa nna ‘ditilo’ kana ‘tilo’ jaaka bangwe ba ka bua, fa ‘go dula’ gone e ne e tlaa nna ‘go nna.’  Re tlaa bona gore, jaaka re setse re buile, mafoko ‘dula’ le ‘nna,’ a a tshwana, ga go na pharologanyo epe fa gare ga one.

Re ka re motho ke modulasetilo, ra re ke monnasetilo, ga siama fela, ga se ke ga senya sepe. Kgang e wele e re, lefoko ‘dula,’ ke Setswana se se tlhamaletseng, le ka dirisiwa boemong jwa ‘nna.’ Leo ke la ga Mmualebe. Fa o na le lengwe, a re utlwe ka koo.

motshwanes@yahoo.com