Blogs

E nngwe e tlhageletse

Ga twe, gone koo, mopalamente a rotloetsa Batswana gore tse tsotlhe ba di beele fale, ba eteletse pele lorato, therisanyo, le tshwaragano. Re iteele mafoko a kobo moroko re re, a go nne jalo Batswana ba goge mmogo, ba sa goge motsokwe, ba dira mmogo ka lorato le kutlwano gore fatshe leno le gatele pele. Gape re re, a tsotlhe di goge ka go tshwana, di tiise. A e se re tsa pele di gagamatsa, tsa morago tsa repisa. Kana ya re tsa morago di tiisa, tsa pele tsa repisa mosepele wa tloga wa pala.

Motswana o a tle a re, batho ke go tshwarisanya tsela; a raya go thusanya, go dira mmogo. Jalo he, re utlwa gore gone kwa phutegong ele, gape ga bo go ne go le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) wa Makaleng, Rre Ndawa Nkoshwane mme ene a ngongorega gore ga go na tshwaragano le tirisanyo mmogo fa gare ga boeteledipele jwa motse, komiti ya ditlhabololo le morafe.

A nna a tla mopalamente, a supa fa seemo se, se sa itumedise. E le eng se sa itumedise? E le ka gore fa di sa goge mmogo ka go tshwana, tema e ka lala; ditiro di se ke di tswelele sentle. Fa batho e le bana ba mpa, e le batho ba le bangwe, mme ba sa dire mmogo ka kutlwano le lorato, Motswana a re, ‘ Bana ba tshipa tshwaraganang, lo kgaogana lo baswi ba mogotlha.’ Go bua jaana o a bo a raya gore fa batho e le ba mmogo mme ba sa utlwane, dira di ka ba tsena gare mme tsa ba fenyetsa. Go se ke go nne monate. Go ba kgothaletsa pele Setswana gape se re, ba tshwaragane, ba nne ngata ya dikgong.

Go ya ka yone polelo ele, mafoko ya se ka ya nna a ga mopalamente fela. Motlhaleng wa gagwe, ga tla go gata Rre Zibani Mbalambi ene e le mothusa modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba e bile e le mokhanselara wa Kalakamati. Le ene a gatelela gore morafe wa Makaleng o tlogele dikgogakgogano. A bolela fa bone e le makhanselara ba dumalanye go tlogela tsa sepolotiki tse di ka ba aroganyang mme ba lekele go tlhabolola kgaolo ya bone. Re re, a go nne jalo. Ga modisa ke go gorosa.

Fa go ntse go tsweletse, ra utlwa fa mafoko e ne ya se ka ya nna a bagolo fela. Ga twe godimo ga tlhotloetso ya ga mopalamente le mokhanselara ga nna le dingwe tse morafe o neng wa lela ka tsone. E le dife tseo? Go kaiwa fa metsi mo Makaleng a tlhaela, ditsela di sa siama, motlakase le  one o le bokoa, o sa anama sentle le motse. Re utlwa gore morafe wa supa fa o sale o ledile ka dingwe tsa dilo tse mme le motlheng ono selelo seo, se ntse se tsweletse, ga se ise se kgaodiwe. Ga se arabiwe ka tsela epe. Re re, ke eo, e lela fifing mme ga e gangwe, e rwele thele, e tshujwa ke masi. Le fa e se seemo se se monate, Motswana a se ke a tlhoboge, a inametse ka gore, ‘Tsholofelo ga e tlhabise ditlhong.’ A go solofelwe gore tsatsi lengwe selelo seo, se tlaa arajwa.

Re boile ra kopana le Dikgang (Daily news) Hirikgong 13 2020 mme ra fitlhela polelo ele ya phuthego ya Makaleng moo. Fa e bua ka fa e reng Rre Mbalambi o ne a kgothatsa morafe go dira mmogo ka teng, o bopaganye, polelo ya re;

‘…..o ne a ba bolelela fa bone …..ba dumalanye go beela fa tlhoko dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki…..’Re re, fa godimo fa, go lefoko, ‘tlhoko;’ mme tlhaka e nngwe mo go lone e tlhageletse, ga e a tshwanela go ka bo e le foo. Re bapise re re, fa e ne e le dipotsane re ne re tlaa nna re re, e nngwe e tlhageletse, e ile go anywela tse dingwe jaanong a e tswe foo.

Mme mosimane a e tlhabe ka  moretlwa. Ele fa re e tlhaba ka moretlwa re re, lefoko ka tlhomamo ke ‘thoko,’ e seng ‘tlhoko.’ Motswana fa a re o beela selo fa thoko, o raya gore o se ntsha fa tlase ga gagwe, fa go ene, o se beela golo gongwe fale. Jaanong a go buiwe, go kwalwe jalo, go twe thoko, e seng tlhoko. A re se lebale gore  re ela dilo tlhoko mme fela, ga re di beele fa tlhoko, di beelwa fa, kwa, thoko. Re di beele fa, kwa, thoko ka gore re bona ka tsela nngwe di ka re kgoreletsa go dira sentle tse e leng tsone tota re batlang go di dira.

Fa batho ba dira mmogo ka kutlwano le lorato, ba beetse tse di ka ba aroganyang, tsa ba kgaoganya, fa thoko, Setswana se nne sentsi. Go twe batho bao ba seoposengwe, ba ngata ya dikgong, ba goga ka kgole e le nngwe. Go nne go fetele pele go twe ba mowa o le mongwe, ba pelo nngwe. Go ntse jalo, tiro ya bone e se ke e nne matsapa a lefela; e tswelele sentle, tema e bonale. Tiro eo, e itumelelwe. Re tlatse bagolo re re, a go nne jalo ka fatshe leno lotlhe.