Blogs

Wena wa re ke eng?

Batho le bone ba dirisa ditlhare ka tsela tse dintsi tse di farologanyeng.

Ditlhare dingwe jaaka morula, mmilo, motlopi, go jewa maungo a tsone. Tse dingwe go betliwa ka tsone, go betliwe dikika, metshe, dintshwana le dilo tse dingwe tse dintsi. Fa re aga, le gone re ntse re dirisa ditlhare, re reme maotwana, ditlhomeso, mepako, re bo re reme/iteye kgobati. 

Ditlhare di thusa gape ka ditsela tse dingwe tse dintsi. Di thibela mmu go tsewa ke phefo le go gogolwa ke metsi fa pula e na.

Ka dikala le matlhare a tsone, di dira sekhukhu se se sireletsang mmu go babalelwa ke mogote o o bogale jaaka o re o bonang gompieno.

Godimo ga tse tsotlhe, ga twe ditlhare di thusa go nesa pula. Ba ba itseng ba re, mafelo a a nang le ditlhare tse dintsi, a newa ke pula e ntsi go feta a a se nang ditlhare; ba re, a a se nang ditlhare one, pula ya one e motlhofo.

Dilo tse tsotlhe di supa gore, kwa ntle ga ditlhare, botshelo ga bo ka ke jwa nna monate kgotsa jwa nna sentle.

Fa go ne go se na ditlhare, re ka bo re e ja morula, mmilo, moretlwa, le a mangwe maungo re a tsaya kae? Maotwana a matlo, ditlhomeso le tsotlhe tse re agang ka tsone, re ka di tsaya kae?  Fa go ne go se na ditlhare, dinonyane di ka bo di aga kae? Ga re itse.

Fela Motswana a re, a botshelo ga a site, go sita a loso. Gongwe maano mangwe a go bona dilo tse, a ne a ka nna teng.

Mme ka fa re bonang ka teng gompieno, fa ditlhare di ne di se yo, botshelo bo ne bo ka nna thata, jwa se ka jwa nna monate jaaka re bo bona. Jaanong o tlaa botsa gore kgang ya rona e gogela kae? O botse gore, a kgang ke ka ditlhare kana ke ka eng? Kgang gompieno motho wetsho ke ka lefoko lengwe o tlaa kopana le lone fa re ntse re tsweletse.

Ga twe e rile ka kgwedi ele ya Hirikgong, mopalamente wa Bobonong, a abela dikgotla dingwe koo ditlhare.

Pego ya re, a re o ne a aba ditlhare tse, ka a ne a sale a solofeditse dikgotla tseo go di lemela ditlhare, jaanong a ne a diragatsa tsholofetso eo.

Go utlwala fa e ne e se la ntlha tona a aba ditlhare kwa Bobonong ka o ne a setse a kile a abela dikgotla dingwe gone koo. Go begwa fa mopalamente a ne a se ka a felela fela mo go abeng ditlhare.

Ga twe  o ne a supa fa go lema ditlhare go le botlhokwa ka e le tsela nngwe ya go baakanya loapi lo lo setseng lo kgotlelesegile. A fetela pele a kopa morafe go aga maobo mo dikgotleng tsa bone.

Potso ke gore, ke eng mopalamente a batla go agiwa maobo?

Karabo ke e. Fa e bega ka tiro ya go aba ditlhare, Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Hirikgong 12 2016) ya re;

‘Mopalamente wa Bobonong…..o abetse dikgotla tsa Dandane, Serumola le Sekoba kwa Bobonong ditlhare tsa meriti ka bosheng.’

Ke eo karabo.

Ga twe mopalamente o ne a aba ditlhare tsa meriti.

Godimo ga moo, a kgothatsa morafe go aga maobo mo dikgotleng go dira moriti, o e tlaa reng bagolo ba ile go amogela, ba tshabele letsatsi mo go one.

Lefoko ‘moriti/meriti’ le re gorosa kwa re go yang.  Lefoko le, le dirisitswe mo pegong ele ya tiro ya go aba ditlhare. Batho bangwe e a re boemong jwa moriti/meriti, ba dirise lefoko ‘moruti/meruti.’ 

Ba bangwe ba gane ba re, lefoko le, ga le a tshwanela.  Ba re moruti ke motho yo o rutang, e seng kwa re tshabelang letsatsi teng. Ba re koo gone ke moriti.

 Ka e a re se tlala se segelwe banneng, ba re dumelang gore ba itse Setswana go re feta, bone ba reng? Thanodi ya Setswana ga e na lefoko ‘moriti’ mme fa e tlhalosa ‘moruti’ ya re, ‘fa go khurumeditsweng ka sengwe go se na lesedi kana letsatsi.’ Fela jalo, Setswana-English Dictionary ga e na ‘moriti,’ mme fa e tlhalosa ‘moruti’ ka Sekgoa ya re, ‘same as moriti, a shade, a shadow.’

Ka fa thanodi tse pedi tse di tlhalosang ka teng, re tlaa tsaya gore mafoko a, a raya selo se le sengwefela. Gongwe pharologanyo e ka nna fela gore, rona re tlwaetse go bua jang.

Mongwe o ka tlwaela gore a re moriti, e re go twe moruti, a bone go sa siama. Yo mongwe ene ka o tlwaetse gore moruti, a bone go bua jalo go siame. Ga re itse. 

A re utlwe ka koo. Wena wa re selo seo ke eng, moruti kgotsa moriti? motshwanes @ yahoo.com