Blogs

Go buiwa ka mmaba e le motho

Go bua jalo ba re ba raya gore, dilo tsa botshelo di dirafala ka ditsela di farologanyeng. Dilo di tle e le tse di botlhoko mme di re hutsafatse, di re letse. Tse dingwe e nne tse di monate, di itumelelwe, di lelediwe megolokwane. E re botshelo bo ntse bo tsweletse, dilo di tsamaya sentle, go dirwe meletlo go ipelela dingwe tsa ditiragalo tseo.

E rile re ntse re ya le dithota, ra kopana le polelo nngwe ke eo, e supa fa go na le kereke nngwe e bidiwa Head Mountain of God Apostolic Church in Zion. Go ya ka polelo eo, e ne ya re ngogola ka Ngwanatsele, kgwedi ya ngwana itseele, ga tshwarwa moletlo kwa Jackals N0 2 wa go ipelela dingwaga di le masome a ferabobedi kereke e, e ntse e itshetletse. Fa e ne e le motho, re re o ne a digela dingwaga tseo a ntse a tshela, a sa tshedile, a le botshelong, mme megolokwane e lele thata, legofi le opiwe thata, setlhako se lele, le Morena a lebogwe ka dithapelo le dihela. Go utlwala fa kereke e, e thailwe, polelo ya re e simolodisitswe, ka ngwaga wa 1939 e eteletswe pele ke moswi Moruti Smart Mthembu mme gompieno e le ka fa tlase ga ga Moruti Norman Muzonda.

Polelo e kaya gore, gone kwa moletlong oo, go ne go le mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi a ile go bula tiro semmuso, mme a akgolela maloko a Head Mountain go bo kereke ya bone e gogile dingwaga tse dintsi jalo e ise e ke e tshabelelwe ke dihawa; ke gore e ise e ke e diragalelwe ke dilo dipe tse di maswe. Ka ntlha e nngwe Motswana a re, e ise e ke e tsenwe ke mehoholela. Mme gape, ga twe, mopalamente a rotloetsa maloko a Head Mountain go tswelela ba tshegetsa serodumo, seriti, sa kereke ka go dira ka tolamo, ke gore ka tshwanelo; ka tlhamalalo, ba utlwana, ba le ngata ya dikgong. Go utlwala gore, godimo ga tseo, mopalamente a supa fa dikereke dingwe le dingwaga tse tlhano di sa kgone go fitlha, go goroga, kwa go tsone ka e a re di ntse di tsweletse di tsogelwe ke medumo, dikgogakgogano, mme di felele di le kwa makgotleng a ditsheko. Mo go se ke go itumedise ka go a bo go supa fa di sa goge mmogo ka kgole e le nngwe. Ke gore, ka tsela nngwe, maloko a kereke eo a sa utlwane. Mme go bonala fa Head Mountain yone e farologanye thata le dikereke tsa go nna jalo. Polelo ya re, ditso di supa gore fa e sale go tswa nako ele, e itsetsepetse, e itshetletse. Go bonala gore, ga go na nako epe e go kileng ga tsoga dipheretlhego fa gare ga maloko a yone, kgotsa, ka tsela nngwe ya kgoberega ya etsa metsi a mogobe a raletswe ke dikgomo. Fa go ntse jaana re re, fa Head Mountain e ne e le motho, a tshotswe ka one malatsi a jale bana ba sa ntse ba phekolwa, Motswana o ne a tlaa a re, yo ngwana ga e a re go phekolwa, a ongwa. A phekolwa, a phekolega, ga nna gone, tsa mo tsena tsa Setswana. A gagamala, a tswa motho. Gore a Head Mountain yone e phekotswe, le gore fa e phekotswe, e phekotswe ka eng ga re itse, mme ke eo, re utlwa fa e tsamaile dingwaga tse dintsi thata e ise e wele ka lepe lemena, le fa e le go kgopiwa ke dipe disana mo tseleng. Go ntse jalo, go nne monate ka mosepele wa re o o tsamaye, o goroge kwa o go yang, o se felele nageng. E re fa golo gongwe o ka nna thata, pina ke eo e re, ‘Le fa tsela e sekaka Rara o nkgoge.’ Go nne jalo o goroge kwa o yang teng.

E rile re ntse re anapa, ra kopana le Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 26 2019 mme ra fitlhela poleleo ele ya moletlo wa kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion foo. Fa e bua ka fa e reng mopalamente o ne a nna a kgothatsa maloko a yone go tswelela ba itshwere sentle ka teng, polelo ya re;

‘o tsweletse a bolela….fa madi e le mmaba mogolo o o bakang go nwela ga dikepe mo dikerekeng….’

Re fetele pele re re, fa  godimo fa, ga twe madi ke mmaba o mogolo o o bakang…... Re re, lefoko ‘o’ ga le a dirisiwa sentle ka go buiwa ka mmaba e le motho e se selo sengwe fela jaaka re ka re morula. A re re, Seopana o file Talamana morula. Go utlwala o se monate, Talamana o raya Seopana a re, ‘O mphile morula o o botlhoko’ mme go bo go tlhamaletse. Ka ntlha e nngwe Pududu a reye Thetlwana a re, ‘O neetse mosese o o leswe.’ Go wela kwa re go yang, re re jaaka re setse re boletse fa godimo fale, go buiwa ka mmaba e le motho e seng selo sengwe hela jaaka morula, mosese, le dingwe fela jalo. Re re, fa go ntse jalo, re dirisa lefoko ‘yo’ e seng, ‘o.’ Jalo he, polelo e tshwanetse gore e re ‘….fa madi e le mamba mogolo yo o bakang go nwela ga dikepe…. e seng….o o bakang ….’ Go kwadilwe jalo, go buiwa jalo, go lolame.