Blogs

A o bona diphoso dingwe?

Re tlaa wela mmila  wa maloba mme re boelele polelo ele ya moletlo wa kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion. Go gatela pele re re, re ne ra utlwa fa moletlo oo, o ne wa tshwarwa ngogola ka kgwedi ya Ngwanatsele kwa Jackalas No 2 e le wa go ipelela dingwaga tse di masome a ferabobedi kereke eo, e ntse e tshela. Go ne ga kaiwa fa tiro e ne ya bulwa semmuso ke mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi. Go sale foo, ga bolelwa fa Head Mountain e thailwe ke moswi Moruti Smart Mthembu ka ngwaga wa 1939, mme nako eno, e le ka fa tlase ga ga Moruti Norman Muzonda. Fa ba bua ka ditso, ba re ngwaga ole wa 1939 ke one o ntwa ya lefatshe ya bobedi (World War II) e neng ya simologa ka one. Re re, ga re itse gore Head Mountain e ne ya thaiwa ka mabaka afe,  ke eng e ne ya simololwa mme re tsaya gore e rile go bona lefatshe le dubega, Moruti Smart Mthembu a leka go le rapelela ka go thaya kereke e ntsha, e leng Head Mountain. Mme yone ya gata jang?

 Polelo e kaya gore fa e sale go tswa nako ele Head Mountain e thaiwa, go tla go fitlha gompieno, nako eno, kereke e, e ntse e gata sentle fela. Go bonala e ise e ke e tsogelwe ke dipe ditsuatsue tse di neng tsa  e thuba, kana, di ka e thuba, tsa e phatlalatsa. Re ne ra utlwa gore, go bona seemo se, mopalamente Rre Molebatsi a kgothatsa maloko a yone go tswelela ba tshwaraganye ba dira dilo sentle, ka tshwanelo. Ga twe a bolela fa dikereke dingwe di tshela ka medumo di bo di felele di le kwa makgotleng a ditsheko fa tse dingwe tsone le ngwaga tse tlhano  di sa fitlhe kwa go tsone. Re dumalane gore se, ga se seemo se sentle. Re re, a dikereke tseo di tshwane le Head Mountain di lotane. A di tshwane le ngwana e rile a phekolwa tsa mo tsena, a gagamala.

Godimo ga tsele, re utlwa gore, fa a ntse a tsweletse, mopalamente a bolela fa madi e le sone selo segolo se  se thubang dikereke. Jalo he, a gakolola gore maloko a ne a fiwa dipego ka madi a kereke. Ke gore, phuthego  e lekodisiwe, maloko a lekodisiwe gore letlole la kereke le tshotse eng, kana, le ne le tshwere eng mme seo, sa dirisiwa jang. Fa go tsamaile sentle, phuthego e itumele mme fa golo gongwe go sa tsamaya sentle, e supe jalo le gore moo go ka baakanngwa jang. Fa go dirwa jaana, go nne monate go heme go nwela ga dikepe jaaka polelo ele yone e re madi ke mmaba mogolo yo o bakang go nwela ga dikepe mo dikerekeng. Re iteele kobo moroko re re, a go se nne jalo. A dikepe di se etse sa ga Jona tsa nwela

Re setse re boletse fa polelo ele ya moletlo wa kereke ya Head Mountain re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Ngwanatsele 26, 2019. Fa e bua ka fa e reng mopalamente Rre Molebatsi o ne a kgothatsa ka teng maloko a kereke eo, bogolo jang banana, go leka go latedisa ditso tsa kereke ya bone, polelo ya re;…..a ba gwetlha…go kwalatabolotsa ditso tsa kereke eo, mo bangweng ba ba tshidileng le matlhami wa yone.

Re name re eme fa re re, leba temana e e fa godimo e mme re utlwe gore a o bona diphoso dingwe mo go yone? Fa o di bona, ke dife, ke eng e le diphoso,  gape, o ka di baakanya jang? Ga re itse gore o tlaa araba o reng, mme rona diphoso re bona lefoko ‘tshidileng’ le ‘matlhami’ Ga twe, ….ba ba tshidileng…..le matlhami wa yone. Phoso ke gore mafoko oo mabedi ga a a kwala sentle  ka batho ba a tshela le dilo tse dingwe fela jalo di a tshela. Ga go twe motho o a tshila, kana, kgomo e a tshila. Jaaka re a tle re supe, diphoso ka mafoko mangwe di dirwa ke gore batho bangwe ba atisa go kwala  jaaka  ba bua. Ga direga jalo ka lefoko ‘tshidileng.’ Ka tlhomamo lefoko le ke ‘tshedileng’ le tswa mo go tshela, e seng tshila. Bangwe fa ba bua; ‘e’ yole ba a mo latlha, ba mo emisetse ka ‘i’ e re le ba kwala ba dire jalo. Jaaka fa re bona fa, e re boemong  jwa tshedileng, a tswa mo go ‘tshela’ e seng ‘tshila’ lefoko le felele e le tshidileng.

Re nne re gatelele gore seo, e a bo e le phoso, e se lone tota lefoko la nnete. Bona sekai se sengwe ke se. Mongwe a kwala a botsa ka tiragalo nngwe. E rile boemong jwa gore a kwale sentle a re, ‘Re a bo re tlaa dira jang, a re, A bo re tlaa dira jang?’ Mo ga se gone. Yoo o ne a kwala fela jaaka a tlwaetse go bua e seng jaaka a tshwanetse go kwala. Ka lefoko ‘matlhami’ re dumela gore monwana o ne wa relela ya re boemong jwa ‘o’ wa kwala ‘a’ lefoko leo la felela e le matlhami. Re re, ke phoso re a e amogela; mohudi ga go fose wa tlhobolo fela. Go kwala sentle polelo e tshwanetse gore e re  ‘…..a ba gwetlha…..go kwatabolotsa ditso ka kereke eo mo bangweng ba ba tshedileng le motlhami wa yone.’ e seng ‘…..ba ba tshidileng le matlhami wa yone.’ Jalo , go lolame, go wele sentle.