Naledi

Masisi o phophotha ba kganetso

Mapalamente a kganetso
 
Mapalamente a kganetso

Masisi o rotse mafoko a kwa palamenteng bosheng fa a ne a akgela mo kopong ya madi a Lephata la Merero ya mafatshe a Sele le Tirisanyo mmogo ka Ngaka Pelonomi Venson-Moitoi.  Masisi a re mapalamente a kganetso ba tshwanetse ba lebogelwe mowa o montle wa bone wa go eteletsa dikeletso tsa lefatshe leno pele, gona le tsa bone kana tsa diphathi tsa bone. Mothusa tautona a re seemo se ba kganetso ba itshwarang ka sone fa ba le mo ditirong tsa puso kwa mafatsheng a sele o ka tloga wa re ga gona kganetso kwa lefatsheng la Botswana. O tsweletse ka gore se ke sesupo sa gore ditshetlana tsa lefatshe leno tsa tirisanyo mmogo le mafatshe a sele (Foreign Policy) di a bereka. 

Masisi a re ditshetlana tse ke sesupo sa gore e re ntswa gona le dipharologano ka megopolo ya sepolotiki, mme fela gona le tshwaragano magareng ga baeteledipe go direla lefatshe leno. Masisi a re ba kganetso ba kgona go ntsha maikutlo a bone ntle le poifo ele sesupo sa gore gona le kgololesego mo lefatsheng leno.

Fa a akgela, mopalamente wa Gaborone Legare, Ngaka Phenyo Butale, o ne a ema nokeng kopo ya ga tona Venson-Moitoi mme fela a re ditshetlana tsa tirisano le mafatshe a sele di tshwanetse tsa tokafadiwa.

Butale a re lefatshe la Botswana lena le mokgwa wa go itlhaganela go akgela mo mererong ya mafatshe a sele segolobogolo dikgang tsa sepolotiki le ditlhopho. A re se se ka nna le seabe mo go tsoseng dikgotlhang magareng ga lefatshe leno le mafatshe a mangwe.

Mopalamente wa Gabane-Mankgodi, Pius Mokgware, ene are Botswana o tshwanetse a leka ka thata go godisa kemedi ya lone kwa makgotleng a ditshaba. Mokgware a re se se ka dira gore lefatshe leno le kgone go phunyeletsa mo itsholelong lebopo ka bophara. Mokgware o kopile gape tona Venson-Moitoi go nonotsha bodiredi jwa gagwe go tokafatsa maduo.

Mapalamente wa Tati Botlhaba, Samson Guma-Moyo, le Abram Kesupile wa Kanye Borwa, bone ba kopile tona go nonotsha neelano magare ga lefatshe leno le aa mabapi.

Kesupile a re Batswana ba tshela ka letshogo nako le nako fa ba etetse ka fa Aferika Borwa mme baagisanyi bone fa ba le mo lefatsheng leno ba ikutlwa ba babalesegile.  Kesupile a re baemedi ba mafatshe a ba tshwanetse ba nna fa fatshe go leba seemo se. Moyo ene a re seo se tshwanetse sa dirwa gape le baemedi ba lefatshe la Zimbabwe ka seemo sa boletse ja tlhakolemolomo pele ga se tsaya phekelo e sele.

Faa kgwa mapalamente dikgaba, tona Venson-Moitoi yo gape eleng mopalamente wa Serowe Borwa, o ne a lebogela megopolo ya mapalamente ya go ema kopo ya gagwe nokeng.

Fa a fetola matshwenyego a ga Butale, Venson-Moitoi a re lentswe la lefatshe leno le a utlwala ebile lena le boleng.  

Venson-Moitoi a re lefatshe leno ga le kake la didimala fela mo dikgannyeng tse di kgoreletsang kagiso lebopo ka bophara jaaka go dira dibetsa tsa mmolao wa kgatlampolo.  Tona a re Batswana ba gasame le lebopo ka bophara ebile ba tshwanetse go sireletsega. Venson-Moitoi a re mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le seabe go sireletsa lefatshe leno le gone go tsweledisa mowa wa kagiso o le itsegeng ka one.