Blogs

Ga e gate lore lo kgopo

Re ne ra ntsha dikai ra re, ngwana mongwe o ka nna tlhogo e thata, a gana go rongwa.

Yo mongwe a nna puo di botlha, e re le a bua le batho a se ke a ba tlhophele mafoko. Motsadi a bue ka pelo, a ipotse gore, tota fa ngwana a ka gola a ntse jalo, o tlaa felela e le motho wa botho jo bo ntseng jang. A ipotse gore a e tlaa nna motho sentle, kgotsa o tlaa tsaya tsela e sele fela

Re ne ra fetela pele ra re, e a re go direga jaana, batsadi ba leke go kgalema mme bana bangwe ba utlwe ba boele mo tseleng. Mme ka ga go peo e se keng e tlhoka leidi, ba bangwe e re le go kgalengwa jaana, ba se ke ba utlwe. Go tsene ka fa, go tswe ka kwa, go felele go ya le phefo. Ngwana a gole ka mekgwa e e maswe eo.

Kgang e ya lore, tota e ne e tla e tswa kae?  Kgang e ne e tswa mo pegong ka sekole sengwe kwa Bokalaka ga twe se bidiwa Maphorisa Primary School. Dikgang/Daily News e ne e begile fa go kile ga tshwarwa phuthego ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se.

Moono wa kgang e ne e le go kgalemela bana, ka go ne go bonwa ba repile fela, ba sa tlhoafalela go ithuta. Go ya ka pego, go ne go belaelwa fa bana ba diiwa go ithuta ke dilo tsa lorato.

Ga twe go ne go kile ga tshwarwa dikwalo tse bana bangwe ba neng ba di kwalalanye. Go a bonala ya re go bona dilo tse, barutabana ba tlhobaela. Ba ipotsa gore fa go ka tswelela go ntse jaana, dilo di tla felela di ntse jang. Ka ngwana lekuka o a sokelwa, ba bitsa batsadi go tla go ba lekodisa seemo. Go bolelwa fa batsadi ba ne ba itumelela phuthego e. Ba itumelela go lekodisiwa ka fa bana ba itshwarang ka teng go sale nako ka jaana lore lo ojwa lo sale metsi.

Kgang ele ya maloba ya tswa fa.Potso ya nna gore, lore ke eng?Karabo e ne ya re, lore ke thobane; ke seikokotlelo.  Re ne ra ntsha sekai sa gore motho fa a ntse a gola, mmele o a koafala. E re go ntse go ya pele, motho a batlelwe thobane gore e re a ema kana a tsamaya, a itshegetse ka yone. Re ne ra re, thobane e, ke yone lore; ke yone seikokotlelo, selo se se ikokotlelang.

Morago ga go tlhalosa gore lore ke eng, potso e nngwe ya nna gore, seane se raya eng fa se re lore lo ojwa lo sale metsi.

Re ne ra re, seane se raya gore motho/ngwana o tshwanetse go rutwa botho kgotsa maitseo a sale monnye. A le kalo, o tshwana fela le lore lo sa ntse lo le metsi, lo ise lo omelele. O ka obega. E tlaa re a rutwa, a utlwe, a tshware, a gole e le motho yo o botho. Mo lese a gole. Foo o ka nna a pala ka o setse a na le jwa gagwe botho jo a bo tlwaetseng.

Ka tota kgang e ne e le gore lore ke eng, e rile re e digela ra re, ka gale, lore go tewa thobane jaaka re setse re utlwile. Ra tswelela ra re, ka Motswana o rata go kgabisa puo thata, e rile go bopa diane, a dirisa lefoko ‘lore’ go raya motho. Gompieno re kopana le se sengwe seane se re, ‘Ga e gate lore lo kgopo.’ Mongwe o ka botsa gore, ke eng se go tweng ga se gate. Karabo ke gore, go tewa thupa. Mme gongwe o bo o ka botsa gape gore, ka go gatiwa ka dinao, thupa e ka gata jang e se na dinao? Go ntse jalo ga e na dinao mme gone e a gata; e gata ka go betsa.

Potso e nngwe e ka nna gore, kgopo go tewa eng? Selo se se kgopo ke selo se se sa tlhamalalang; selo se se sokameng. Ka puo e e tlhamaletseng, lore lo lo kgopo ke lo lo sokameng. Jaanong fa seane se re, ga e gate lore lo kgopo, se raya eng? Seane se raya gore, fa motho yo o tiro di maswe, a ka otlhaiwa ka thupa, ga a ke a nna a boela mekgwa ele e a neng a e tlwaetse.

Ka thupa e botlhoko, e bile e a tshabega, fa motho a ka itewa kgotsa a kgwatha, o a kgwabofala, a latlhe ‘tiro tse di maswe tsele. A rialo Motswana. A re nne re leke go lo oba lo sale metsi, re bo re ba tlhagise gore, ga e gate lore lo kgopo. motshwanes@yahoo.com