Blogs

A e tsene ka ntlha tsotlhe

Mme le gale, a re re, fa phokoje ene a a tle a bo a seselela go senya, a jela barui dipodi, a nwela balemi magapu, rona re a bo re sa seselele tseo; re a bo re seselela tse bangwe ba reng ba di rata thata.

Fa re ntse re sesela jalo, ra kopana le polelo ke ele, e supa fa e ne ya re monongwaga ka kgwedi ya Hirikgong, mopalamente Rre Aubrey Lesaso a tshwara diphuthego tsa kgotla kwa Shoshong, Tobela, le Bonwapitse e yotlhe e le metse ya kgaolo ya gagwe. Go utlwala gore gone koo, mafoko magolo a gagwe ya nna gore o tlaa etelela merafe ya metse eo pele ka therisanyo, tirisanyo mmogo, le poifo Modimo. Re re, a go nne jalo, mopalamente a gate sentle, morafe le one o tle o mo sale morago o gata go bonala ka tlhako ya pele e bulela ya morago tsela. Re utlwa gore, mopalamente Rre Lesaso, a se ka a iteba a le nosi, mme a leba le banni ba kgaolo a ba kopa go beela fa thoko dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki mme  ba lekele go tlhabolola metse ya bone. Re nne re tlatse re re, a morafe o tshwaragane, o goge ka kgole e le nngwe ditiro tsa metse di tle di tswelele pele, le bone ba bolelwe ka ditiro tse dintle. A supa fa kgaolo e saletse morago mo ditlhabolong dingwe jaaka ditlamelo tsa botsogo le tshireletsego mme go di kgona e le gore morafe o tshwaragane; o nne bana ba tshipa jaaka Setswana se kgothatsa.

Setswana gape se re, ‘Montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele.’ Go a bonala ka nako ya diphuthego tsele, ya bo e le gone fa bo sele mme ya nna nako ya gore mopalamente a leboge batlhopi ba kgaolo ya gagwe. Ga twe a ba solofetsa fa a tlaa ba emela ka natla, a tiile moko. Go ya ka polelo ele, mafoko ya se ka ya nna a boitumelo fela. Go utlwala gore, ga nna le dingwe tse mopalamente, Rre Lesaso, a neng a bona di sa tsamaya sentle. E le dife tseo? Go kaiwa gore, mopalamente o ne a supa fa a sa dulamane le ka fa ditsela tse di tsenang mo Shoshong di agilweng ka teng. Go kaiwa fa ditsela tse di dirilwe ka ditena mme Rre Lesaso a sa itumelele seo, a kaya fa go aga jaana go sa siamela kgaolo e e tshabelelwang ke merwalela. Go bonala ditsela tse di tlala metsi ka ga go na fa e reng a le mantsi a kgone  go feta teng, go ela, a tswela kwa ntle ga tsela. Mme fa go ntse jalo, tsela e fetoge noka, go se ke go nne monate go e dirisa ka nako ya go le pula. Go bona seemo se, ga twe, mopalamente a kaya fa a na le mogopolo o o pharologanyo le wa go aga ka ditena. Godimo ga tseo, a supa fa a tlaa emela ditsela tsa kgaolo ya gagwe ka dinao ka o na le dithutego tse di faphegileng ka fa mhameng wa ditsela. Re re, a go nne jalo, ngaka e tle e ruswe go beng. Ke gore mopalamente a tle a lebogwe, a bolelwe ke ba kgaolo ya gagwe pele ga a ka bolelwa ke ba sele ka kwa ntle. Ka botlalo seane se, sa re ‘Ngaka e ruswa go beng.’ Go ruswa e le lebogwa, go duelwa, lefoko leo le tswa mo go rufa. E re bana ba rewa maina go twe, Tuelo, yo mongwe go twe, Serufo, mme e bo e le selo se le sengwe, go tshwana.

Ga se ka ga felela foo, a nna a fetela pele mopalamente. Ga twe a supa fa a sa itumelele seemo sa thuto mo Shoshong. Lengwe la mabaka le kaiwa e le gore kwa Shoshong Senior bana ba robala mo malaong a a se nang materase. Mopalamente a kaya fa se, se kgoreletsa maiteko a go ntsha maduo a e leng one sentle. Re utlwa gore, gone fa, Rre Lesaso a solofetsa fa a tlaa leka ka natla go bona gore, sengwe sa dikole tse dikgolwane mo Shoshong se nna le boroko jo e leng jone sentle go namola batsadi mosepele wa go isa bana kwa dikoleng tse di kgakala le legae. Re re, a go nne jalo. Godimo ga moo, re utlwa fa mopalamente a batla go tsosolosa sekole se se ikemetseng sa morafe ka se onetse le mororo se alositse barutegi ba motia mo Shoshong. A go nne jalo, a a boelwa marope a tsosiwe.

E rile re ntse re sesela, ra kopana le Dikgang (Daily News) Hirikgong 22 2020 mme ra sela polelo ele ya diphutego tsa kgaolo ya Shoshong moo. Fa e bua ka sekole se e reng mopalamente o ikaelela go se tsosa, polelo ya re;

‘…..a ikaelela go tsosolosa…..study group ka ke matlota…..’

Ke eo kgang. Leba temana e e fa godimo e mme re utlwe gore a o bona phoso nngwe mo go yone. Fa o bona phoso nngwe, ke efe, ke eng e le phoso, gape o ka e baaakanya jang? Ga re itse gore o tlaa araba jang mme rona phoso re bona lefoko ‘matlota’ ka gore tlhaka e nngwe mo go lone e leng ‘l’ e latlhegile. Re re, a tlhaka eo, e tsene ka ntlha tsotlhe mo go ‘tlo’ jaaka go dirilwe, le mo go ‘ta’ gore e nne ‘tla’ mme lefoko lotlhe le felele e le matlotla e seng matlota. Go siame.