Blogs

A di goroge tsotlhe

Go tlhamalatsa mafoko re re, re tlaa bowa re bue ka polelo ele, e ka yone re neng ra utlwa gore e ne ya re ka kgwedi ya Hirkgong monongwaga mopalamente, Rre Aubrey Lesaso, a tshwara diphuthego tsa kgotla kwa Shoshong, Tobela, le Bonwapitse a otlhe e le mafelo a kgaolo ya gagwe. Gape, ra utlwa gore, gone ka nako eo, mopalamene a solofetsa fa a tlaa goga kgaolo, a sa e goge ka kgole, a e etelela pele, ka therisanyo, tirisanyo mmogo, le poifo Modimo. A, e nne mafoko a mantle, bogolo jang fa motho a supa gore o tlaa dira tiro ya gagwe a boifa Modimo; ke gore, a tshaba go dira dilo tse e seng tsone, tse di maswe. Lefoko la Modimo le re, ‘Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso, mme masilo a nyatsa botlhale le thuto.’ (Diane 1:7) E le la mmotlana re re, a mafoko a, a se fete le phefo; a a tlhwaelwe tsebe. A merafe yotlhe le ditshaba tsotlhe, sika lotlhe loo motho lo dire ditiro tsotlhe ka go boifa Jehofa, lefatshe le tshele ka kagiso, botshelo bo rune.

Ba a tle ba re tsela ga e monate go e tsamaya o le nosi.  Ba re, go nna monate ke gore o bone mongwe a go thuse mosepele. Jaanong, gone maloba, re ne ra utlwa gore mopalamente o ne a supa fa kgaolo e saletse morago mo ditlhabololong jaaka ditlamelo tsa botsogo le tshireletsego. Gone fa, a kopa morafe gore o eme ka dinao, o itsolopanye, o lekele go tlhabolola metse ya kgaolo. Re raya ba Shoshong botlhe, e seng ba motse fela, re re, a ba eme ka dinao, ba gogele pele, kgaolo e tswelele, e bonale e tshela. Bangwe ba bue ka puo, teme, ya bone mme fa o reeditse sentle o utlwe gore fa ba ne ba tlhamaletse,  ba bua Setswana, ba ne ba tlaa  bo ba re ‘Mhata molelo o o hatela mpeng ya gagwe.’  Ke gore bontle bo a itirelwa. Nako nngwe  go twe  monate o a itirelwa. Re tlatse  mopalamente, Rre Lesaso, re re, a go nne jalo ba Shoshong  ba hatele molelo mpeng ya kgaolo.

Gare ga tse dingwe, re utlwa gore Rre Lesaso a feta ka botsogo jwa bagodi ba kgaolo ya gagwe. Ga twe mopalamente o ne a re ofisi ya gagwe e tlaa tsenya leitlho go bona gore bagodi ba ba nnang ba le nosi ba tshela yang. Kgang fa e nne  gore a bagodi bao ba tshela jang. Ke gore, a ba tsoga sentle, a ba ja sentle ga ba tlhole, kana, ga ba lale ka tlala. Gape, le bonno jwa bone bo tsenngwe leitlho go bona gore a ke bone, a ke jone, sentle; a bo tlhatswa pelo. Fa tse tshotlhe di siame, go nne monate, pelo e tlhatswege, e nne tshweu ka go tlaa bo go bonala gore, bagodi bao, ga ba a latlhega, ba a tlhokomelwa. Mme fa golo gongwe seemo se se monate go bonwe gore tsela go ka tsewa efe go se tokafatsa. 

Re setse re boletse fa polelo ele ya diphuthego tsa Shoshong re e tletswe ke Dikgang (Daiy News) Hirikgong 22 2020.

Fa e bua ka fa e reng Rre Othusitse  Mogale o ne a bua ka teng go supa fa go gopiwa ga metsi a a leswe go sa direge sentle, polelo ya re;

‘…..o ne a ikuela ….. fa ….. kgopho ya metsi a a leswe…..e sa tsamae sentle…..’

Go kgaritlha mogopo ole re re, ka matlho mabedi fela mme ga a bonele gongwe,  leba temana e e fa godimo e, re utlwe gore o bona eng mo go yone. Potso e re, a o bona phoso nngwe foo, kana, nnyaa? Fa go na le phoso nngwe, ke efe, ke eng o re seo ke phoso,  mme o ka e baakanya jang? Re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona phoso re bona lefoko  ‘tsamae’ ka ga le a kwalwa sentle. Gongwe ka wena ga o bone phoso epe, o botse gore ke eng re re ga go a kwalwa sentle. Go araba potso e, a re tseye sekai re re, Talamana o ntse a etetse Seopana mme jaanong o batla go boela ga gagwe. Fa a setse a tswa, o a laela a re, ‘ Go siame mma ke a tsamaa.’  Seopana le ene fa a araba a re, ‘Ee  mma o tsamae sentle.’

Re fetele pele re re, ka Talamana le Seopana botlhe ba a bua, lefoko ‘tsamaa’ le  ‘tsamae’ a ka bonwa a siame ka gore ba le bantsi ba tlwaetse go bua jalo. Mme fa go kwalwa gone, nnyaa, ga go a siama, ga se gone. Fa go kwalwa, a tlhaka eo, e leng ‘y’  e se tlogelwe. Fa ba ne ba kwala, Talamana o ne a tshwanetse gore a re, ‘ ….ke a tsamaya,’ e seng  ‘tsamaa,’ fa Seopana ene a ne a tlaa  a re, ‘…..o tsamaye sentle,’ e seng ‘tsamae.’  Fa go kwadilwe jalo, e le ‘tsamaya,’ ‘tsamaye’ e bo e le gone go kwala sentle. Jalo he, kwa godimo kwa, polelo e ne e tshwanetse gore e re, ‘ …..kgopho ya metsi….. e sa tsamaye sentle…..,’ e seng  ‘….. e sa tsamae…..’

Re wele re re, jalo go lolame; ga modisa e bo e le gone, di gorogile tsotlhe, go se epe e letseng nageng.