Naledi

Malwetse a thobalano a tlhasetse

 

E ne ere motho a lemoga kgotsa a belaela gore sengwe se ka tswa se sa siama mo go ene, bogolo jang mo bonneng le bosading jwa gagwe, a seke a tlhola a diya nako, mme a tabogele fa go boreaitse gore ba mo gonyetse ditswammung tsa ditlhare ba mo tlhatlegele a nwe a fole.

Malwetse a thosola le rasephiphi, a ne a bolaya fela ba ba neng ba itoba fa ba khutlegile ka nako ya thobalano, ka molwetse o ne a bola dikarolo tsa senna kgotsa sesadi. Kgabagare go utlwiwe fela ka monko oo botlhoko, o o kgaolang monyetsane.

Fa a le lesego, e a re a tabogisediwa fa kokelong kgotsa ngakeng kgotsa motho fela yo o itseng melemo ya bolwetse jo a fole. Mme fa e le a diegile sebaka se se leele go seke go nne le thuso epe ka a setse a senyegile thata, ka go rialo a tlhokafele kgotsa a golafale.

Fa Batswana ba ntse ba lwa le thosola le rasephiphi, ga goroga HIV/AIDS. E yone ya bo ele maswe ele setlhogo thata ka e ne e sena kalafi gotlhelele, e fetola batho popego, e gapa matshelo. Ya seka ya felela fa fela, ka jaanong e ne ya dira gore batho ba ba sa ikutlweng sentle morago ga thobalano ba tshabe go ya kwa dikokelong go tlhatlhobiwa ke dingaka ka ba tshaba gore gongwe ba tshwaeditswe ke tlhokwana twatsi e.

Ka ntlha ya se, thosola le rasephiphi di tsweletse ka go gapa matshelo a batho, go tloga fela ka banana go tsena ka bagolo.

Fa ka fa go le lengwe letlhakore AIDS le yone e santse e dira gore bangwe batho ba iphitlhe ka motsikiri fa ba bona dikai tse di amanngwang le yone. Go ya ka dingaka dingwe tsa setso, le bone ba ba rekisang melemo ya setso, Batswana ba tshabela kwa go bone ka malwetse. Mme ebile ba dira gore go nne thata go ka ba thusa go alafa thosola le rasephiphi.

Ba re ga ba bua le bone, ba re ba batla melemo ya madi le diso, ba sa bolele gore ba kutlegile ka nako ya thobalano. Ngaka Frank Motsamai a re thosola le rasephiphi gase malwetse a a dingalo ka a na le melemo e e a alafang.

Mathata fela ke fa molwetse a ntse sebaka a iphitlhile, a itobile.  Motsamai a re ka malatsi a go tshabiwa AIDS, le malwetse fela a a motlhofo a gapa matshelo. 

O gakolola gore ope fela yoo belaelang a khutlegile a tabogele kwa kokelong pele ga a gopola meriana ya dingaka tsa setso. A re ga gona ngaka e e alafang HIV/AIDS. Mafoko a ga Motsamai a tladitswe ke barekisi ba melemo ya setso go ralala toropokgolo Gaborone. Ba re banna le basadi ba reka fela melemo ya madi le diso, ba sa bue gore bothata ke eng. Kwa bongakeng jwa sekgoa le gone ba ngongorega ka go itoba ga balwetse ba ba kutlilweng ke thobalano.

Ba re ba bua ‘bo letheka lame le botlhoko, lengole le rile’, ba sa tlhamalale fela go bolela gore ke belaela ke khutlegile, ba bolela fa gape banna ba bantsi ba sa rate go tla kokelong go tlhatlhobelwa malwetse  thobalano, go akaretsa le sone segajaja sa HIV/AIDS.  Dingaka di ngongorisiwa ke go bona malwetse a thosola le rasephiphi a tsweletse ka go gapa matshelo le mororo kalafi ya one e le teng. Tota le yone HIV/AIDS le gona le dipilisi tse di ritibatsang mogare tsa ARV tse di ka thusang fa go santse go emetswe go bona kalafi.  wDingaka di ngongorega ka gore go supagala gore tiriso ya khondomo go itshereletsa gaeyo mo bathong ba le bantsi ka ba santse ba tsenwa ke malwetse a thobalano. Ba re se gase ba itumedise ka se folodisa maiteko a puso a go fedisa bolwetse ja HIV/AIDS le malwetse a mangwe a thobalano.