Naledi

Masisi ke �makhaya�-Rakgare

Masisi
 
Masisi

Rakgare o buile se mo potsolotsong le Naledi, a re ene le Mothusa-tautona Masisi ke batho ba morafe ole mongwe, ka jalo go se thona gore ba kopane. Rakgare a re dikgang tsa dinonyane di santse di utlwala ka go kopana ga gagwe le Mothusa-tautona Masisi Bosheng.

Rakgare, yo gape a tlwaelesegileng ka leina la ‘Chillyboy’, a re ga go na lebaka lepe le le ka mo pateletseng go inaakanya le phathi ya ga Domkgrag (BDP) jaaka bangwe ba setse ba mo latofaletsa go ikgatamotlhala go boela kwa go yone.

Rakgare a re tota fa a ne a batlile go boela BDP o ka bo a sa bolo go dira jalo bogologolo, a bo a fa sekai ka nako ya morago ga ditlhopho. A re jaaka mongwe le mongwe a itse gore diphathi tsa sepolotiki mo gae ga di thusiwe ka madi a ipapatso, bontsi jwa ba ba latlhegetsweng ba tswa mo ditlhophong kgwatlha di dutla mme bangwe ba raelesege go ka tlola koi mme bangwe ba fudugele kwa diphathing tse dingwe ka lebaka le le akaretsang menahune ya go rekwa.

Rakgare a re maikaelelo a gagwe a mangwefela, go ngoka banana gore ba sale morago bokopano ja diphathi tsa kganetso.

Fela, mokanoki wa tsa sepolotiki ebile ele motlhatlhelela dithuto wa pele kwa Mmadikolo (UB), Ngaka Onalenna Selolwane o supa gore mo polotiking sengwe le sengwe se ka diragala. Moitsaanape yo wa dithuto tsa ditlhabologo tse di amanang le batho le sepolotiki, a re mapolotiki kana le bone ga ba ikanyege.

Selolwane a re ga itse go le kalo ka Rakgare mme tota ene o ne a ka rata gore batho fa ba le mo phathing, ere ba lemoga sengwe ka mongwe ka bone se se  tlhobaetsang, ba buisana le ene gona le go itlhaganelela kwa makwalodikgannnyeng.  Selolwane a re fela ka gore batho ba ne ba bonwe ba le mmogo mme ele ba diphathi tse di farologanyeng ga go ree gore o mongwe o batla go inaakanye le o mongwe. A re batho ba kgona go nna masika mme ba farologane ka mekgatlho e tshwana le ya sepolotiki.

Mme Selolwane a re gone re tshwanetse ra solofela gore bangwe go ka nna le kgonagalo ya gore ba ka boela BDP, ka bangwe ba ikgatile motlhala ele gore ba farologana le mokgwa o Tautona Ian Khama a tsamaisang dilo ka teng, fa bone mme ba santse ba rata BDP.