Naledi

Go ka dirwa thata ka Tebelopele 2036-Kgosi Kegapetswe

Naledi e lemogile fa banni ba Boteti ba farologane ka maikutlo, bangwe ba re lefatshe leno le fitlheletse ditoro tsa lone fa bangwe bone ba re Botswana o kgakala thata le go fitlhelela ditoro tse di molemo mo setshabeng seno.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng ke Tona, Rre Ntebogang Kgosi, a re lefatshe leno le fitlheletse go le gontsi mo maitlamong a Tebelopele ya 2016. A re matshelo a Batswana a tokafala letsatsi le letsatsi ka ebile go setse go rena mowa o montle wa kutlwano le bobelotlhomogi.

Kgosi a re dikompone tse di ikemetseng, badirelapuso le bagwebi ka bongwe ka bongwe ba eme ka dinao ba tshwaraganetse go thusa ba ba tlhaelang ka bonno le dingwe tsa botshelo tse ba di tlhokang. A re seo ke sekai sa gore tshaba eno e lorato ebile e pelotlhomogi.

Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane le ene o ne a kgwa Rre Kgosi dikgaba a re fa e le gore gona le maitlamo mangwe a a sa kgonwang, ga go a tshwanela go supiwa ope ka monwana ka gore maitlamo ao ke a batho botlhe.

Kegapetswe a re mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, Batswana ba ne ba tlola matlere mme seo sa ba kgontsha go diragatsa sentle bontsi jwa matshego a Tebelopele ya 2016. O ne a tlatsa ka go gwetlha Batswana go ntsha megopolo e e nonofileng go aga Tebelopele ya 2036.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba ba akaretsang mokhanselara wa Xhumo/Madikola, Elijah Motsamai, a re ba bona go sena sepe se sentsi se se fitlheletsweng mo Tebelopele ya 2016.

Motsamai a re maduo a bana ba dikole ke matlhabisaditlhong a go ka sekeng ga ipelafatswa ka one. Ba lela gape ka tshenyetso setshaba e ba reng ke kankere e e kgoreletsang maitlamo go diragadiwa sentle.

Batswana ba bangwe jaaka Dorcas Kanokang, Mpene Batswana le ba bangwe, ba boleletse Naledi gore ba eletsa gore megopolo mengwe ya Tebelopele ya 2016 e fetisediwe kwa Tebelopeleng ya 2036.

Ba eletsa gore ka 2036 banana ba bo ba sa sotlege ke letlhoko lwa ditiro, badiragatsi ba bo ba tsewa tsia ba duelwa sentle ka madi eseng ka poleiti ya dijo, thuto le yone e bo e le ya boleng jo bo kwa godimo, e patilwe ke maranyane a sesha a a tokafetseng mo go kgotsofatsang.

Ba lopile gore dikgosi di fiwe dithata gore di kgone go busa merafe sentle, le gore dingaka tsa setso di dirisanye sentle le tsa Sekgoa go boloka tshaba eno mo malwetseng. Ba re dikereke di nne le seabe se se tiileng go aga le go boloka tshaba eno.