Naledi

Ba Kgalagadi Bokone ba tla akola bojanala-Tona Khama

Itumeleng Moipisi
 
Itumeleng Moipisi

Tshekedi o buile se fa ane a araba potso kwa palamenteng ka Mosupologo, a bolela fa lekalana la Conservation International le dirile lenaneo la tshomarelo tikologo ya kwa Bophirima jwa Kgalagadi, e bontsi eleng Kgalagadi Bokone.

Tshekedi a re lenaneo le, le itebagantse le ditiragalo dile mmalwa tse di ka thusang go godisa bojanala jwa kgaolo e. A re lephata la gagwe le okametse thulaganyo e, ebile le setse le simolotse go diragatsa mengwe ya megopolo ya lenaneo le.

Tona a re dingwe tsa ditiragatso tse ke meletlo e tshwana ya mmino ya dingwao ka go farologana ya Western Kgalagadi Festival, e e tshwarelwang kwa Kang. Tshekedi o supile gape fa gona le thulaganyo ya go tlhabolola lefelo la matlotlo a bojanala le oltoso bodutu kwa Phuduhudu ka fa tlase ga letlole la tlhabololo bojanala la Tourism Development Fund. Tshekedi a re go tshwanetse ga lemogwa gape gore kgaolo e go buiwang ka yone e na le dipolase tsa kgwebo ya temo thuo tsa Batswana, ka jalo tlhabologo ya bojanala e tla runya fa le bone ba ka nna ng le kgatlhego ya go nna le seabe.

Tona Tshekedi o ne a araba potso e boditswe ke mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Itumeleng Moipisi, yo a neng a batlile go itse gore a tona o na le kgatlhego ya go dira lenaneo la bojanala le le ka solegelang molemo morafe wa kgaola ya gagwe.