Naledi

Phamolang 2036 ka maikarabelo - Sepotlo

Kgosi Samuel Sepotlo
 
Kgosi Samuel Sepotlo

Se se boletswe ke kgosana ya kgotlana ya Ramochine kwa Oodi mo kgaolong ya Kgatleng yo o reng go tlogelwe sepolotiki go rwalwe maikarabelo.

Fa Naledi e mo etetse kwa kgotlaneng ya gagwe maabane, Ramotshweetshwee Samuel Sepotlo o boletse fa Batswana ele tshaba e e tswang goo-lowe e rata thata go bona lefatshe la yone le gatela pele mo ditirong le ditlhabololong.

A re le yone metse ya bone ba ne ba tlhomamisa gore e a gola le go tlhabologa ka tshwaragano ya baagi ba yone go sena ope yo o neng a eletsa go bonwa a neela tshwene marapo.

Sepotlo a re tautona Khama fa a tlhoma lekoko la tebelopele ya 2036, o batla gore le tsamaye le lefatshe lotlhe go ipega mo Batswaneng le go tsaya dikgakololo le meakang ka lefatshe la bone, le tsotlhe tse di ka dirwang go thusa go tlisa botshelo jo bo botoka le ditirelo tse di ka ba thusang.

O ne a bolela gore ke sone se a reng a Motswana mongwe le mongwe a ititeye ka thupana a ikane gore tebelopele ya 2036 ke ya gagwe, jaaka fela go tlhalosiwa gore ke ya setshaba ya 2036. Kgosana Sepotlo o ne a gatelela botlhokwa jwa gore magosi le magosana a nne sekao ka go rwala tebelopele e mo magetleng a bone, ka fa ba dira jalo merafe ya bone e tlaa bona tlhwaafalo mme e gate fela mo motlhaleng wa bone e le baetelediepele. O ne a tlhalosa gore magosi le magosana bogologolo ba ne ba itse sentle fa e le bone bagogi ja merafe go tloga fela kwa metsemegolo, metsana go tsena ka dikgotlana.

Gore maikaelelo a tebelopele e ya setshaba e atlega, Sepotlo a re mapalamente a tshwanetse go itse fa se ese kgang ya sepolotiki. Mme ele ya go tlhabolola lefatshe le Batswana.

Ka go rialo  a ba kopa go tlogela go polotika ka yone go sa kgathelesege gore a ke ba phathi ee busang kgotsa ba tsa kganetso. O ne a lela ka gore bogologolo go ise go nne le sepolotiki, go ne go sena go nna fela ka go kgalana fa ditiro tse di tshwanetseng go dirwa tsone di eme. Kgosana e ya ga Ramochine, o boletse fa lekoko la 2036 le tsamaya le lefatshe lotlhe la Botswana go tshwara diphuthego tsa kgotla go tsaya megopolo gore Batswana ba batla Botswana yoo ntseng jang ka 2036.

“Batswana, bogolo jang banana ga ba tsene diphuthego tsa kgotla gotlhelele. Mme ke eletsa gore fa lekoko la 2036 la ga Rre Neo Moroka le ntse le tsena metse le metsana jaana, Batswana ba di tsene botlhe eseng ka dipalo tse dintsi, gore ba utlwe sentle ka lone, ba bo ba ntshe megopolo le dingongora go di neela lekoko le,” a bua jalo Sepotlo.

A re megopolo e mentsi thata mo Batswaneng ka ba nna fela ba e bua mo mafelong a mantsi. A re ke nako ya gore ba ye kwa dikgotleng go ya go e neela batho ba ba maleba, ba ba tlaa e isang kwa go tautona morago ga go wetsa tiro ya bone.  “A re se nneng ka megopolo ya rona, re bo re tla re kgala maduo a lekoko le kwa morago. A re itsoseng ga gona kgomo ya boroko,” Sepotlo a kopa jalo.

Fa lekoko le la tebelopele ya 2036 le ntse le dikologa le tshwara diphuthego, modulasetilo wa lone Moroka, o boletse fa le nonofile ka le na le kemedi go tswa mo makalaneng aa farologanyeng.

A re le na le dikgosi, kgotsa kemedi ya Ntlo Ya Dikgosi, kemedi ya dikereke ka baruti, bobegakgang, banana, metshameko le a mangwe fela jao. O tlhalositse fa le amogela kgakolo le mogopolo mongwe le mongwe go tswa mo Motswaneng mongwe le mongwe.