Naledi

Puso e tla sona tshenyetso setshaba ka nako ya ESP � Mokotedi

Lawrence Mokotedi
 
Lawrence Mokotedi

Fa a bua kwa thuto-dipuisanyong ya Khansele ya Legare e e neng e tshwaretswe mo Palapye bosheng, Mokotedi o tlhalositse fa tshenyetso setshaba e supilwe e le nngwe ya makgwere a a ka kgoreletsang tiragatso ya lenaneo la ESP.

Mokotedi o boletse fa lekalana la Twantsho Tshenyetso Setshaba (DCEC) le la ditlhotlhomiso tsa borukhutlhi jwa madi(Financial Intelligence Agency) a eme malala a laotswe go thibela tshenyetso setshaba.

Mokotedi a re go tlaa nna le lekoko go netefatsa gore ga gona kompone ee tsamayang e fenya dithendara lefatshe lotlhe. O tlhalositse fa lekoko le le tlaa netefatsa gore rakonteraka mongwe le mongwe o ntsha tsotlhe tse di tlhokegang di akaretsa maina ka botlalo, megala, diaterese le tse dingwe, go rurifatsa gore gase motho ale mongwe yoo anywang matute a ESP.

“Lekoko le gape le tlaa baya leitlho gore Batswana ga ba thuse batswakwa ka go dirisa maina a bone le tsotlhe tse di botlhokwa go fiwa ditiro tsa ESP. Lenanao le le direletswe go tsosolosa itsholelo ya Batswana fela,”a rialo Mokotedi.

O tsweletse ka go tlhalosa gore go tlaa tlhomamiswa gore ga gona kompone epe ya modirelapuso ee fiwang thendara ka jaana ba sa letlelelwe go tsenelela lenaneo la ESP ka ba itse tsotlhe tse di tlhokegang le tse di kwa tengteng tota.

Ba lekalana la makgetho (BURS) le bone go boletswe fa ba tlaa duedisa makgetho dikompone tsotlhe tse di filweng dithendara. Mokotedi a re dikhansele di tlaa tshwanelwa ke go isa maina a dikompone tse di filweng ditiro kwa BURS go netefatsa gore di duela lekgetho.

A re mo kgaolong ya Legare, ka legato lantlha la ESP go tlaa agiwa matlo a borutelo mo kgaolong ale masome mararo le botlhano (35), matlo a boitiketso a le masome mabedi le borobabobedi (28), matlo a barutabana ale lekgolo le masome mane le bongwe (141) mo dikolong tse potlana di le masome mabedi le bobedi (22). Mo godimo ga moo, Mokotedi tlhalosa fa go tlaa agiwa makgotla a ditsheko tsa Setswana ale lesome le bobedi (12) mo kgaolong ya legare. A re dikago tseo di tlaa lopa P24, 447,200.00 go akaretswa koloi le didirisiwa tse di tlhokafalang jaaka ditilo le ditafole tse di tlaabong di dirisiwa mo mafelong ao.

Ya re a tswa la gagwe, Mokwaledi Mogolo wa CDC, Rre Gaolatlhe Dipholo, a rotloetsa babereki ba khansele eo go tsenya moko mo dinameng fa ba diragatsa lenaneo leo. A re seo se ka dira gore puso e fitlhelele maitlamo a yone a go tsholetsa itsholelo ya Batswana.