Naledi

Batlokwa ba koba basadi mo malwapeng

Morafe wa Batlokwa bogolo jang basadi o lela selelo se se botlhoko se ba reng magosana mangwe a bone a a rekwa fa ba tshwanetse go reetsa le go letlanya bana ba motho fa ba kgaolana ditlhogo mo dintweng tsa boswa jwa batsadi ba bone.

Bangwe ba Basadi ba, ba boleletse Naledi fa ba utlwa botlhoko thata go bona ka fa magosana a, a tsamaisang dikgang tsa boswa ka teng. Ba re gantsi magosana a, a dumalana fela le banna, mme ba kgaphele basadi kgakala.

Ba bolela gore ba setse ba bona fela go le botoka gore e re ba na le dikgotlhang tsa boswa le bokgaitsadiabone, ba seka ba tlhola ba romelwa kwa magosaneng a. Mme ba tlhamalalele kwa kgotleng kgolo go reediwa ke mothusa Kgosikgolo ya Batlokwa, Michael Spokes Gaborone. Ba re Kgosi Gaborone o itse thata go reetsa dikgang tsa mothale o, ka ese motho yoo ratang go tsaya letlhakore gotlhelele. Ba tlatsa ka gore dikgang tsotlhe tse di paletseng magosana ene o di rarabolola fela ka boammaaruri.

Mongwe wa bangongoregi o boleletse Naledi fa a ne a swaba thata go bona kgosana nngwe e Naledi e tshotseng maina la yone e tsaya letlhakore mo kgannyeng ya gagwe le kgaitsadie bosheng, e mo go yone kgaitsadie a lwang ka gotlhe go mo ntsha mo lwapeng la batsadi ba bone. A re le fa kgosana e e ne e sa tlhamalatse mafoko sentle gore ‘mma tswa mo lwapeng ka o agile’, o ne a mo utlwa sentle fela gore o a mo gatelela le gone go ema le kgaitsadie mo go lekeng go mo koba mo lwapeng la batsadi ba bone.  

Mosadi yo, a re mokgwa o kgosana e e neng e tsamaisa kgang ya bone ka one, o ne wa mo utlwisa botlhoko ka a ne a bona sentle gore basadi ba na le mathata ka dikgosana tsotlhe e le banna. Ka go rialo di gatelela basadi fa ba seka le bokgaitsadiabone. “Magosana a a banna a gatelela thata basadi, ba ba koba mo malwapeng gore ba tlogelele banna boswa jwa batsadi ba bone,” Bangwe basadi ba bangongoregi ba boletse gore magosana a a Tlokweng a tsweletse ka go losa bana ba batho le gone go thuba malwapa ka ba kgona go sekisa dikgang dingwe batsadi ba bana baseyo.

Ba re le fa ba kopa gore dikgang dingwe di tshwanetse go reediwa pele ke batsadi kwa malwapeng, magosana a, a kgona go gana. Gatwe ba dira jaana ka ba setse ba rekilwe ka madi gore ba tle ba tseye letlhakore kgatlhanong le bone e le basadi. Selo se ba re se dira gore ba tlhoboge magosana a gotlhelele.

Basadi ba ba Batlokwa ba re ba hakgamala thata go bona magosana a Batlokwa a santse a dumela gore boswa jwa lwapa ke jwa banna. Ba re fa go lwelwa lwapa fela, go ya ka magosana a, go tlhamaletse gore le ya go fiwa monna, fa mosadi ene a tswa fela a iphotlhere.

Mme ebile fa gongwe ene monna yo a setse a jele boswa jwa dikgomo, dipodi le diterekere tota. Ba re mme legale ba santse ba na le tsholofelo ka Mothusa Kgosikgolo Gaborone ene a kgona go goga mogala go kgaoganya bana ba ba lwelang lwapa la batsadi ba bone.

Se ke se Kgosikgolo ya Batlokwa Puso Gaborone a se ilang, a re dikgosi di seka tsa tsaya matlhakore fa di reeditse dikgang.