Naledi

Ba Xere ba akgotswe

 

Moipolai o tlhalositse jalo ka boipelo mo puisanyong le Naledi bosheng. Naledi e ne e jetse nala kwa mafelong mangwe a a kgakala le ditlamelo jaaka Mokobaxane, Kedia, Sekgophane, Xhumo le Xere go utlwa gore banni ba koo ba dira jang mo mererong ya bodiragatsi.  Kgosi Moipolai a re badiragatsi ka mefuta ba teng kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo mme molato wa kgeleswa ke gore bangwe  ba felela ba phuaganya ditalente ntateng ya go tlhoka thotloetso ya madi.

Le fa go ntse jalo, o ba gakolotse go nna  le bobelotelele le boineelo mo ditirong tsa bone gonne gatwe, sa mosima se jewa ke yoo thata kgotsa moepa thotse kodumela ga go lehumo le tswang  gaufi.  A re ngwao ya Sesarwa e humile mme bodiragatsi ke jone fela jo bo kgonang go e supa se eleng sone mo morafeng le setshabeng. Kgosi ya Xere o akgotse thata badiragatsi ba koo ba setlhopha se se tumileng  sa mmino wa tsutsube a re ba dira bontle ebile ba beile motse wa gagwe mo mmepeng mo le ene a ikutlwang a le motlotlo.  A re fa ba gaketse ba itaya tlhako o ikutlwa a phamolwa ke setsuatsue sa mowa a gopola maloba fa a santse a ikutlwa a kgona go itaya tlhako. “Ke ne ke  sa kgomege nna morwa Moipolai mo mminong wa tsutsube,” kgosi a ipoka a bo a tswelela a ngunanguna pina ka teme ya Sesarwa sa Seshuakhwe e e reng, ‘Twee danakhwe tshaa  kia  ma u na kaa, ntshe ki cheo kwa thoose thoo,’ ke gore ‘Kgarebe ya maratagolejwa mpha metsi ke nwe, tsatsi jeno pelo yame e botlhoko jwa kgengwe.’

 A re fa bodiragatsi bo ka dirisiwa sentle bo ka thusa beng ba jone go ikinola mo lehumeng la nta e tshetlha. Mafoko a gagwe a ne a phekolwa ke kgosi ya kgotla yoora Sesana ebong  Mohudi Sesana, yo le ene a neng a bua a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa bodiragatsi.

O kopile batho ba letso la Sesarwa go fetola bodiragatsi pinagare ya matshelo a bone kgotsa kgwebo. A re bokgoni ke mpho ya Modimo e motho a ka sekeng a e amogiwa ke ope. O kgothaditse bao ba ba nang le bokgoni go bo dirisa go itlhabolola le go ikokoanyetsa mahumo. Le fa go ntse jalo, a re tshwenngwa ke gore badiragatsi bangwe segolobogolo banana, ba inaakantse le nnotagi phetelela mo kgabagare ditalente tsa bone di nyelelang.

Badiragatsi ba koo ba boleletse Naledi fa ele nnete bodiragatsi bo ka fetolwa kgwebo ga bo ga tshwanela segolobogolo ka ebile motse wa Xere o na le bone ba le bantsi ba ba tlhwatlhwa ba merero ya poko, setinkane, katara, mmino wa setso, lebelo, petlo, go loga, jalo jalo.

Ba re e le banana ba Xere ba tshwanetse go inaakanya  le bodiragatsi jwa bojanala go tokafatsa matshelo a bone. Ba akgotse thata lenaneo la dikgaisanyo tsa dikgaolo tsa botlhophi le tsa malatsi a boitapoloso a ga Tautona ka di ba tswela mosola.