Naledi

Molepolole FC e a gola-Kgakge

Se se tla ka nako e ditlhopha di le mmalwa di lekang go fetogela mo tsamaisong ya kgwebo go tswa mo go e e tsamaisiwang ke morafe.

Fela setlhopha se galalediwa ke ba le bantsi ka se supa fa se le mo tseleng e botoka ya go nna kgwebo.

 Mo potsolotsomg le Naledi, motsamaisi wa setlhopha, Bashi Kgakge o supa gore ba na le kgatlhego e tona ya go bona setlhopha sa bone se gola jaaka kgwebo.

Kgakge a re mabaka a mangwe ke go thusa go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro le amang banana.

Molepolole FC e kwa liking ya boraro ya Kweneng ka jalo ba setse ba gatetse pele ka dilo di le mmalwa tsa kakanyetso eo.

Kgakge a re ntswa ba ise ba fitlhe fa ba batlang teng, ba itumelela kgatelo pele ya bone ka ba na le ofisi e ka nako tsotlhe go nang le babereki ba ba thusang ka merero ya setlhopha.

A re ba na gape le dipalamo tse ba di dirisang fa ba tsaya maeto a a kgakala a metshameko mme e bile bana gape le batho ba thapilweng go ba direla thulaganyo ya dijo ka nako tsotlhe.

“Bontsi ja sebaka re rulaganya le go seegela fa thoko madi a tsamaisang setlhopha paka yotlhe” go bolela Kgakge. A re ba kgona le go ngoka batshameki ba ditlhopha tse dikgolwane ka ba rata ka fa batshameki ba Molepolole FC ba tshwarwang ka teng.

Kgakge o tlhalosetsa Naledi gore ntswa gone go ne go se motlhofo ba itumelela gore mme go fitlha ga jaana ba tsamaya mo tseleng e e kgotsofatsang.

O supa gore lantlha o ne a batile go kopanya ditlhopha dingwe tsa motse wa Molepolole ka ngwaga wa 2002.

Mme fela ga retela ka bangwe ba ne ba sa kgone go tlhaloganya se a lekang go se dira.

A re thotoetso e e ne e tswa mo go boneng dikai di tshwana Galaxy FC le Orapa United. O ne a felela a tsaya tshwetso ya go itshimololela Molepolole FC mme ya kwadisiwa semmuso ka ngwaga wa 2015.