Naledi

Batshameki ba itaana go utlwala � Maragana

Boramabole
 
Boramabole

A re o ne a itumela go bona batshameki ba le bantsi go tswa mo ditlhopheng tse di farologanyeng ba ntsha gatshwene mo motshamekong o wa go itaya lebole ka mafelo a beke.

Maragana a re gone le fa bangwe ba santse ba supa letsapa la mafelo a ngwaga, go a solofetsa ka tota go ne go sena motshameki ope yoo eletsang go phothakwa fela ka mabole ke balekane ba gagwe ene a phuthile mabogo fela.

O bolela fa batshameki ba tlhaloganya sentle gore ipaakanyo le ikatiso e e tseneletseng ke tsone fela di ka dirang gore ba nne mo seemong se se eletsegang, mme ebile se ka ba tswela maduo a le bone ba tlaa nnang motlotlo ka one.

Are fa go ntse go jewa monate wa mabole mo mosakong go botlhokwa go gakologelwa bakatisi ba mabole go ya ka go farologana ga ditlhopha tsa bone, ka e le bone ba nnang fela ba eme malalaalaotse go tlhomamisa fa batshameki ba nna le kitso e e tseneletseng ya mabole.

Are ke sone se dikgaisano tsa mabole di leng botlhokwa thata go naya bakatisi le bagolwane ba mabole go kala seemo sa batshameki ba.

Are go botlhokwa thata gore motshameki mongwe le mongwe yoo mo setlhopheng a nne le seabe mo go tsone.

Kwa mosakong wa mafelo a beke, Maragana a re o itumetse go bona batshameki ba iteisanya borathana, ba nkgisanya magwafa ka tlhwaafalo, a bolela fa le bone ba ba magorogomasha mo motshamekong ba supile sentle gore tema le tsela di ntse di a bonala. Se a reng se tlaa tswelela se kgothatsa ba bangwe ba ba eletsang go tsena mo maboleng, ka ba bona fela gore ditsala le baagi ba bone kwa magaeng ba tsweletse ka go inaakanya le motshameko o.

Gone le fa dintwa ka bontsi di ne di rokotsa mathe, jaaka batshameki ba ne ba kolopana ka la molema la moja go gwetlha bosimega mo dintweng ka go farologana, go ne ga jewa monate o motona thata fa ramabole wa setlhopha sa Prisons, yo o itayang go utlwala, Mmusi Tswiigi, a thulana le ramabole wa UB, Mothusi Moitoi, mo ntweng ya bokete jwa 75kg.

Boramabole ba, ba setse ba supile gore gongwe le gongwe fa ba kopanelang teng mosako o a tlhatlhamologa, ka ba itaya lebole jaaka dipoo di sa itsane, sa tsone e le go lwela thota fela.

Modumo go ne ga utlwala wa diatlana, fa lebole le tsena kgotsa le thibiwa. Kwa bofelong Tswiigi o ne a fetoga ene mofenyi wa ntwa e ka dintlha tse tharo go lefela. Fela, se sesa reye gore Moitoi o ne a le bokoa. E ne e le gore o ne a kopane le lerwa le fuduga mo letsatsing leo.