Naledi

Masisi o abetse bolomanki paka

Mothusa Tautona Masisi
 
Mothusa Tautona Masisi

Mme ebile Masisi a sa tla fela a iphotlhere. O ne a tshotse dipaka tsa motshameko o, go di abela ditlhopha.

Mogolwane wa lekgotla la motshameko ya bolomanki la Botswana, Tumelo Boima, o ne  a bolela fa itumeletse go bona lorato le mothusa-tautona a nang le lone mo motshamekong o wa bone.

A re se ke go supa kemonokeng le thotloetso e ba e tlhokang e le lekgotla la motshameko o, le ditlhopha tsa one.

Boima a re thotloetso e ya ga Masisi, e tshwanetse go lebogelwa fela thata ka e supa sentle fa batsadi ba lefatshe leno, le bone ba ntse ba ba tlhomile matlho.

O boletse fa paka e e tlaa abelwa ditlhopha tse di mo kgaisanyong e ka go farologana ga tsone.

Selo se a reng le sone fela se tlaa tiisa batshameki moko, bogolo jang ba ba botlana ka ba bona lerato la mothusa tautona mo go bone.

Mowa o a re ke one o o tlhokafalang mo bagolong, dikompone le bagwebi ba Botswana.

Mabapi le kgaisanyo e Boima a re e tlaa dirisiwa go rotloetsa batshameki, bogolo jang ba dingwaga tse di kwa tlase go rata le go tsena mo motshamekong o ka dipalo tse dintsi.

A re ke yone nako ya go isa motshameko wa bolomanki kwa Batswaneng. O tlhalosa fa nako e tsile ya gore Batswana ba simolole go tsaya motshameko o ka tlhwaafalo, mme ebile ba seka ba o amanya thata le bathobasweu, kgotsa barutegi jaaka bangwe ba akanyetsa.

A re motshameko, o motlhofo thata go ithutiwa, gape o le monate fela thata, mo mongwe le mongwe yo o eletsang go o tshameka a ka kgonang go itlosa bodutu ka one, le gape a ntse a tshamekela go ka iponela phatlha mo ditlhopheng tse ditona, le sone sa setshaba tota.